Lenaneo le thusa Mojombe go tshela toro ya gagwe
27 Apr 2016
Mme Queen Mojombe wa Kisa kwa kgaolong ya Kgalagadi ke mongwe wa Batswana ba ba sa iponang tsapa go tsaya lenaneo la nyeletso lehuma ka maikaelelo a go tokafatsa botshelo jwa gagwe.
E re ka dithunya di le gaufi thata le pelo ya gagwe, o supile fa a ne a seka a tsietsega go kgetha tshingwana ya dithunya gareng ga tse dingwe tse di leng teng mo lenaneong la nyeletso lehuma.
Fa a bua mo potsolotsong le bosheng, o tlhalositse fa go goleng ga gagwe a ne a rata dithunya bobe, mo a neng a seke a tlhoka go di lema fa pele ga ntlo le gone go dikologa lelwapa la gagwe.
“Ga go na sepe se se itumedisang jaaka go phakelela monko o o monate le go itemogela monyenyo wa dithunya fa di utlwa marang a letsatsi mo mosong,” go tlhalosa jalo Mme Mojombe.
Lerato le le kalo la dithunya le ne la gola ngwaga go ya ngwageng go ya ka Mme Mojombe, a tlatsa ka gore puso e mo thusitse go fitlhelela toro ya gagwe ya go ipona a tshela fa go leng mebala e e farologaneng botshelo jwa gagwe jotlhe.
A re ka a ne a tshela a sa itshwarele sepe ka diatla e rile a utlwalela lenaneo la nyeletso lehuma a seka a akanya gabedi a ya go kopa go thusiwa ka tshingwana ya dithunya ka ngwaga wa 2013.
O kaile fa ka lesego e rile ngogola a bo a agelwa tshingwana, a tlhomelwa tanka ya metsi a bo a isiwa dithutong tsa temo le tlhokomelo ya dithunya gammogo le thekiso ya tsone.
Mme yo o dingwaga tse di masome a mane le boferabongwe yo a re o thusitswe ka mefutafuta ya dithunya tse di kgatlhisang leitlho.
Mme Mojombe a re o ipona a segofetse go bo a bone tiro e a tlaa itshetsang ka yone go tokafatsa botshelo kwa gagwe.
A supile fa o solofetse go le gontsi mo tshingwaneng ya gagwe, mme e bile a tlaa leka bojotlhe gore a seka a bo a kgojwa marapo ke sepe.
“Botshelo jwa me bo fetogile, ke itumedisiwa ke gore lorato lwa dithunya lo nkisitse tseleng ya tsholofelo,” go tlhalositse jalo Mojombe.
O tsweletse ka gore lenaneo la nyeletso lehuma le mosola thata ka le inola Batswana mo lehumeng, le ba fa seriti e bile le tsweletse ka go tlodisa ba le bantsi melatswana.
Mme Mojombe a re o rotloetsa Batswana go diragatsa ditoro tsa bone, ba lese go inyatsa mme e bile ba kope dithuso fa ba tlhaetseng teng.
O tsweletse ka gore o itemogetse fa go le bonolo thata go bereka kgotsa go inaakanya le se se gaufi le pelo ya gagwe, a re o rata thata e bile ga a ipone a dira sepe gape ko ntle ga go tlhokomela dithunya.
Mme Mojombe o rekisa dithunya tsa gagwe tse di farologaneng kwa motseng wa Kisa le e e dikologileng mme a re o dumela fa a bona theko e e botoka kwa motseng wa Tsabong.
O kaile fa dithunya tsa gagwe a di rekisa go simolola ka madi a a kana ka dipula di le lesome mme tlhwatlhwa e tsamaya ka selekanyo sa kgolo ya semela.
A re mo dingwageng tse tlhano tse di tlang, o bona kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata, a re o eletsa go reka koloi e e tla mo tlhofofaletsang go tsamaya a rekisa motse le motsana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Ntau
Location : KISA
Event : Potsolotso
Date : 27 Apr 2016






