Bomme ba UCCSA ba farologana ka megopolo
27 Apr 2016
Bomme ba kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) ba farologana ka megopolo mo kgannyeng ya gore a ke kereke eo e fetole tsamaiso ya yone e kgologolo e tsamaisiwe ka tsamaiso e ntsha ya dikereke tsa semoya.
Kgang eo e ne ya buiwa ka Matlhatso kwa bokopanong jwa bomme kwa Maun kwa go neng go na le bomme ba Botswana, Afrika Borwa le Zambia.
E ne e le nngwe ya dikgang tse di tshwanetseng go buiwa ka go lebega e ntse e kukela e bile e setse e ntsheditswe lekoko go tsaya megopolo gore e tle e bone tharabololo.
Fa a rola kgang, Moruti Malebogo Mothibi yo e leng mongwe wa lekoko le le romilweng go batla maikutlo ka kgang eo o ne a kopa bomme go ntsha maikutlo a bone ba phuthologile gore a ba batla kereke e tsamaisiwa ka tsamaiso ya semoya ka na jang.
O ne a ba kopa gore ba tlhalose fa go na le sengwe se se sa ba itumediseng kana se ba kgoreletsa mo kobamong kana mokgwa o go tsamaisiwang ka o ne, a re ba a itse gore kgang eo e dule ngogola kwa bokopanpng jo bo neng bo tshwaretswe kwa Lobatse mme go ne go setse fela gore bomme ba ntshe maikutlo a bone.
Fa ba akgela, bomme bangwe ba ne ba supa fa ba se na mathata le phetogo ya go nna kereke ya semoya ka ba re e botlhokwa e bile e ba ruta gore ba tsene mo sekereseteng ka e bile ba setse ba kgona le gone go ipalela Baebele.
Ba re tsamaiso ya pele buka e e boitshepho eo e ne e balwa ke moruti fela.
Mme Olivia Ketlogetswe le ba bangwe ba ne ba tlhalosa fa tsamaiso ya semoya e le teng mo lekwalong le le boitshepo e bile e dira gore ditiro tsa yone di bonale.
Ba re bone ba e rata thata le ka fa go opelwang ka teng ke ba thoriso go ba suteletsa gaufi le Modimo.
Ba re bone ga ba bone phoso epe ka ba dumela gore moopelo wa thoriso le diletswa tsa teng di suteletsa batho gaufi le Modimo e bile le seporofito ba se rata thata. Le fa go ntse jalo bangwe ba re bone ga ba rate diletswa di ba tsosetsa modumo.
Mme Kealotswe Edzani o tlhalositse fa ene a sa rate modumo gotlhelele, a re e bile ga a rate gore go bo o dirwa le ka nako ya selalelo.
Mme Masego Kewagamang a re o bona le yone tlotlo ya lefelo la thero e wetse kwa tlase fa e sale tsamaiso ya fire e tsena, a re go kgona go buiwa dipuo tse e seng tsone fa lefelong leo.
A re bone ba ne ba itse gore fa motho a eme koo ga a ipuele jaaka a batla. A re go tla ga tsamaiso ya fire go dirile gore maloko a seka a tshephana.
Ba bangwe ba ne ba supa fa ba sa rate seporofito e bile ba tlhalosa gore se tlaa ba tshabisa kereke ka ba re ga go bilediwe batho kwa sephiring mme go phantshiwa fela.
Monnasetilo wa mokgatlho wa bomme, Moruti Patience Pheko a re bomme ba kereke eo ba a kopana ngwaga le ngwaga go ntsha dipego, go tlhopha komiti e ntsha le go kopanela tse di saletseng morago.
O tlhalositse fa ngwaga le ngwaga kwa ba kopanelang teng ba leka go thusa fa ba kgonang teng mo botlhoking jo ba bo bonang.
Ba ne ba thusa sekole se segolwane sa Maun ka didirisiwa tse di tlhatswang gore sekole seo se nne se le phepa.
A re ke maikaelelo a bone gore ba nne ba dira tiro ya mautlwelobotlhoko.
Ba ne ba thusa gape ba lekgotlana le le lwantshang bolwetse jwa kankere ka melora le mesangwana ya bomme.
O tlhalositse fa ba batla go tswelela ba lebelela letlhoko le le leng teng kwa sekoleng sa Maun Senior gore ba se thuse mme a re ba ne ba akanya go thusa ka go baakanya dikago tsa sekole seo fela jaaka ba dirile ka sa Moeding kwa ba neng ba reka materase le malao ka e bile dikole tseo e le tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Bokopano jwa bomme ba UCCSA
Date : 27 Apr 2016






