Breaking News

Molelo o bopaganya setshaba

27 Apr 2016

Molelo wa kgolagano ke lesedi le le kopanyang setshaba. 

Kgosi Goitseone Patane wa kgotla ya Podipedi kwa Bobonong o boletse mo potsolotsong gore go tshujwa ga molelo wa kgolagano pele ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama ke tsela nngwe ya go romela lesedi la kopano kwa Batswaneng.

A re lesedi le, le tlaa dira gore batsadi le bana ba dire mmogo e bile le tlaa bula bana ditlhaloganyo gore ba utlwe batsadi. 

Rre Patane a re dikgang tsa botlhokatsebe ga banana e tlaa nna selo sa maloba. Kgosi Patane a re thuto ke thebe e bile e ka betlela bana botshelo jo bo botoka mo isagong.

 A re  thuto e ka tlhabolola Botswana, a tlatsa ka go re ditlhabologo ga se selo se se emang di nna di tswelela. 

Kgosi Patane a re molelo wa kgolagano o neela Batswana lesedi la go ikgakologelwa kwa ba tswang teng, segolobogolo go lebilwe ngwao. 

O tlhalosa fa lesedi la molelo wa kgolagano e le sesupo sa gore le ntswa dingwao di le dintsi mo Botswana, Batswana ke tshaba e nngwefela. 

A re ke matshwanedi gore bagolo ba supegetse bana ngwao, a tlatsa ka go re ngwao e tshwanetse go sirelediwa gore e seka ya nyelela ka e neela motho seriti. 

O tlhalosa fa go tla ga molelo wa kgolagano mo kgaolong ya Bobirwa go tshwanetse ga neela bogosi sebaka sa go itshekatsheka le gore sengwe le sengwe se ba se buang e nne se se nang le boammaaruri. 

A re le fa Batswana ba ya go ipelela boipuso jwa monongwaga jwa dingwaga tse di masome matlhano ba tshwanetse ba somarela sengwe le sengwe se ba nang le sone, e sitang le one matlotlo a tlholego tota. 

Kgosi Patane o tlhalositse fa a sale a bone molelo wa kgolagano ka 1986.  Fa a tswa la gagwe, mongwe wa baagi, Rre Moses Thuso o tlhalositse fa molelo wa kgalogana e le sesupo sa gore lesedi la Modimo le tsile mo bathong. 

O tlhalositse fa mo nakong eno bontsi jwa batho ba itse Modimo go na le bogologolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 27 Apr 2016