Breaking News

Artesia o batla terata e e kganelang motsamao wa leruo

27 Apr 2016

 Banni ba Artesia mo Kgatleng ba boleletswe fa terata e e kganelang motsamao wa leruo e le botlhokwa ka jalo ba tshwanetse go tsaya maikarabelo a gore ba a e somarela e le morafe ka kakaretso.

Se se builwe mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa temo-thuo Rre Kgotla Autlwetse yo o neng a tlhalosa fa terata e le maiteko a ga  goromente a go leka go lwantsha malwetse a diphologolo segolo bogolo jwa tlhako le molomo. 

O ne a tswelela a re terata eo e thusa gape le go sireletsa matshelo a batho mo ditseleng ka jaana fa e ka dirisiwa sentle le dikgoro di ka tswalwa gore leruo le seka la gapa matshelo a batho ka  dikotsi tsa tsela. 

Rre Autwetse o ne a gatelela gore go itlhokomolosa botlhokwa jwa terata ke go tlhoka maikarabelo a kaya fa goromente a dirisitse madi a mantsi mme go ka nna molemo fa Batswana ba ka natlafala go thusa maiteko ao.

Mo go tse dingwe mothusa tona o ne a rotloetsa banni go tsaya mananeo a ba ka a kgonang mme a supa gore seo se ka thusa itsholelo ya bone le lefatshe la Botswana. 

O ne a bolela fa banni ba ka dirisa metsi a a ka fa tlase ga lefatshe ka jaana a le mantsi thata mo kgaolong ya bone. 

A re goromente o thusa motswana mongwe le mongwe yo o nang le keletso ya go ka epelwa sediba mo tshimong ya gagwe ka jalo a gwetlha banni ba motse go sekasekela go dirisa metsi a a ka fa tlase ga lefatshe. 

A re ba ka itshwaraganya le ba ofisi ya temo-thuo mo motseng wa bone.

E rile go le pele, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Thandy Roberts a lekodisa mothusa tona, a re ba tshwenngwa thata ke go tlhaela ga ditereke mo motseng selo se a kaileng se busetsa balemi ko morago ka jaana ba sa kgone go tshwara bokgola. 

O ne a tswelela ka gore ba amiwa thata ke letlhoko la koloi ya balemisi a re ba felela ba sa kgone go thusa morafe sentle.

 O ne a kopa gore barui ba rutwe go rwesa dikgomo manyena ka jaana a na le go latlhega a re gape ba rutwe go dirisa mokento wa kwatsi le serotswana.

E re dikgang di eme dijalo a re ba leboga goromente go bo a ba thusa ka dipeo, menontshane le terata ya ko masimomg.

Fa a tswa la gagwe, mongwe wa banni ba motse, Rre Boy Kgati o ne a supa matshwenyego a kaya fa terata ya Dibete e ole ka jalo dikgomo tsa Kgatleng di kopana le tsa Gammangwato. 

A re seo se a tshwenya ka jaana go ka baka kgonagalo ya kanamo ya malwetse a leruo. ENDS

Source : BOPA

Author : Kesego Ngwai

Location : ARTESIA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 27 Apr 2016