Banana ba rotloediwa go inaakanya le temo thuo
27 Apr 2016
Banana ba Thamaga ba rotloeditswe go inaakanya le temo-thuo ka jaana kgaolo e ba leng mo go yone e siametse tsotlhe ka bobedi.
Se se builwe ke mothusa tona wa temo-thuo Rre Kgotla Autlwetse bosheng fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo.
O ne a rotloetsa banana go nna tlhaga ka jaana ba santse ba na le natla ya go dira mo temong, a tlhalosa fa batsadi ba bone ba dirile ya bone tema ba e weditse.
O ne a ba rotloetsa go lema dijo tsa dikgomo go itsa gore goromente a reke kwa mafatsheng a sele, a re go reka dijo kwa mafatsheng a sele go dirwa ke gore batho mo lefatsheng leno, ga ba ntshe dijo tsa dikgomo tse di lekaneng.
O ne a ba kgothatsa go dirisa mananeo a tshwana le la ISPAAD go lema le go ntsha dijo, mme a rotloetsa batsadi go ruta le go kgothatsa bana ba bone gore ditiro ga se tse di ithutetsweng kwa dikoleng fela mme le tsa diatla di na le bokgoni ja go boloka motho.
E rile mongwe wa batsadi, Mme Julia Kolobe a mo kgwa dikgaba, a tlhalosa fa ba na le keletso e ntsi ya go lema bothata e le dipula tse di boutsana mo kgaolong ya bone.
O ne a ntsha mogopolo wa gore puso e sekaseke go ba epela didiba e le yone tsela ya go leka go thusa ka metsi.
Mo go tse dingwe, morafe o ne wa ngongorega ka leruo le le nnang mo motseng. ENDS
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : THAMAGA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 27 Apr 2016






