Breaking News

Letsholo la go kwadisa ditsha le tsweletse

26 Apr 2016

Mookamela lenaneo la  LAPCAS, Mme Joyce Wantlo, a re thulaganyo ya go kwadisa ditsha e solofetswe go fefosa ditirelo tsa lekgotla leo, ka jalo Batswana botlhe ba ba nang le ditsha ba rotloediwa go di kwadisa. 

Mme Wantlo o boletse se mo potsolotsong morago ga go bolotsa letsholo la go latela batho kwa dikgotleng le metsana e e gaufi, fa ba sena go lemoga fa bontsi bo le maoto a tshupa go kwadisa ditsha tsa bone.  

Mme Wantlo a re go sa ntse go na le tiro e ntsi ya go kwadisa ditsha  ka jalo a kopa Batswana botlhe go ema ka dinao go ba thusa go wetsa tiro e ka go kwadisa ditsha tsa bone. 

A re ba potiela ditsha ba bo ba tsena mo malwapeng go tlhomamisa gore ditsha ke tsa bo mang. 

A re fa ba ntse ba potiela, go ba thusa gore ba bone diphatlha tse di fa gare ga ditsha mme ba di tswele megopolo go bona gore di ka dirisiwa jang mo nakong e e tlang.

A re botlhokwa jwa go kwadisa ditsha ke gore kwa bofelelong ba nne le kitso e e papametseng e bile e rurifaditswe gore setsha sengwe le sengwe ke sa ga mang, mme ba kgone gape go ka tshwaraganya setsha le mong wa sone motlhofo .

A re ka nako e makgotla a kabo ditsha a neng a sa potiele ditsha, go ne go ba ketefalela go tshwaraganya ditsha le beng ba tsone ka ntlha ya tlhaelo ya bosupi jo bo papametseng. A re gape ka thulaganyo e, ba tlaa ntsha ditlankana tsa ditsha tse di setseng di kwadisitswe kwa go ba Deeds Registry. 

A re go kwadisa ditsha go botlhokwa fela thata mo Batswaneng ka gore ba tlaa kgona go bona dithuso tsotlhe tse ba di batlang ka bofefo ka gore ditirelo di tlaa bo di tokafaditswe e bile go le motlhofo mo go ba kabo ditsha go ka ntsha kitsiso nngwe le nngwe mo dikhomputareng le gone gore ba ka dirisa dinomoro tseo go ka bona dikwalo tsa bone go tswa ko go ba poso

A re gape go tlaa tlhofofaletsa Batswana thulaganyo ya gore fa ba batla dithuso tsa madi kwa dibankeng, ba bo ba boela kwa go ba kabo ditsha ka ditlankana tsa ditsha tsa bone ba batla go di fetolela mo go tweng ke lease agreement ka sekgowa. 

Thulaganyo ya go kwadisa ditsha e solofetswe gore e bo e ile kwa bokhutlong fa ngwaga ono o fela e bile ba bo ba fetoletse ditlankana tse dikgologolo mo go tse disha.  

A re fa ditsha di sa kwadisiwa, go tlaa pateletsa lekgotla la kabo ditsha go boela kwa ditsheng tse di sa kwadisiwang, mme e bile fa beng ba ditsha tseo ba kopa thuso kwa makgotleng a kabo ditsha, go tlaa ba tsaya lebaka gore ba e bone. 

 A re morago ga go potiela ba supa ka go tlogela nomoro, mme mo ditsheng tse beng ba a bong ba seyo, ba ba kopa go tla ka nomoro e ba e fitlhelang foo go tla go kwadisa ditsha tsa bone. 

A re kwa Motswana a ikwadisetsang teng, ba kabo ditsha ya teng ba tla tsaya matsapa a gore ba ise ikwadiso eo kwa ofising ee tshwanetseng. A re fa Motswana a ka dira jalo, o tlaa bo a fefosa thulaganyo ya ikwadisetso ditsha. 

A re matshwenyego a ba nang le one ke gore Batswana bangwe ba tshaba go kwadisa ka gore go na le dipeelaelo tsa gore thulaganyo e ya go ba amoga  ditsha tse di sa tlhabololwang. 

A re dikgang tse ga di boammaaruri e bile e le ba lephata la ditsha le matlo, a re go na le mananeo a a ka thusang Batswana go ka tlhabolola ditsha tsa bone, jaaka lenaneo la SHHA. 

A re Batswana ba se tshabe sepe go kwadisa. 

Mme Wantlo a re o itumelela tirisano mmogo e lekgotla la kabo ditsha le e amogelang go tswa baeteledingpele ba metse jaaka dikgosi le ba dikomiti tsa VDC, bogolo jang ka e le bone ba ba rotloetsang batho ba metse ya bone go kwadisa, le go tlhalosa ka ditsha tsa beng ba tsone ba seyong ka nako ya kwadiso. 

A re dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ba ntse ba kwadisa ditsha ke gore go na le ditsha tse batsadi ba tsone ba saleng ba tlhokafetse mme di ise di fetolelwe mo maineng a bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepo David

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 26 Apr 2016