Breaking News

Banni ba Mogonye ba ikemela ka dinao

26 Apr 2016

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Mogonye a re go botlhokwa gore Batswana ba tswe ka maano a go itshedisa go na le go leba puso gore e ba tlhamele mebereko.

Mme Banka Gwai o buile jalo mo potsolotsong kwa motseng oo bosheng. 

A re banni ba motse oo ba sa tswa go ithaopa go aga ntlo ya mabeelo a dijo e e bileng e tlaa dirisiwa go apeela ka nako ya dipula kwa kgotleng ya motse oo. 

 Mme Gwai a re ba bone go le maleba go ithaopa go aga ntlo eo ka ba lemogile gore kgotla ya bone e tlhaelelwa ke matlo mo e a reng fa go le mediro kwa kgotleng ba tlhoke fa go tshwarelwang dijo teng. A re ntlo eo, ba e aga ka matlapa a a neng a agile lesaka le le ileng la wa mo dingwageng tse di fetileng, Mme Gwai a re ba tlaa e rulela ka bojang jo bogologolo jo bo neng bo ruletse leobo la kgotla eo pele. 

Mme Gwai a re e tlaa re fa didirisiwa tseo di ka tlhaela, ba kope morafe go ba tswa thuso, a bo a kopa botlhe ba ba ka nnang le seabe go dira jalo gore tiro eo e kgone go wela. Fa a lekodisa ka ditiro tsa Ipelegeng, Mme Gwai a re ba mo tirong ya go epa ditlhare mo tseleng e e yang kwa ditsheng tse disha gore beng ba tsone ba kgone go di tlhabolola motlhofo. 

Mo go tse dingwe, Mme Gwai a re ba sa ntse ba emisitse tiro ya go baakanya lesaka le le oleng. 

A re ba emisitswe ke gore ga go na ditsompelo tse di mmalwa jaaka motlhaba mme gape teraka e e rwalang didirisiwa le  yone e sa ntse e senyegile. 

Mme Gwai a re lesaka leo le botlhokwa thata ka le tlhatlhela dikgomo tsa matimela ga mmogo le tsa morui mongwe le mongwe yo o sa ntseng a sena lesaka.

A re le tiro ya go aga lefuti la matlakala le yone e sale e eme bogologolo ka mabaka a gore ga go na didirisiwa. 

Mme tiego eo e busetsa motse wa bone kwa morago. 

A re go dira gore e ne ekete badiri ba Ipelegeng ga ba bereke mme ba emisitswe ke tlhaelo ya ditsompelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Nthabiseng Modise

Location : MOGONYE

Event : Potsolotso

Date : 26 Apr 2016