Breaking News

Mokgomane o batla go itlhophela kgosi

26 Apr 2016

Banni bangwe ba Mokgomane kwa kgaolong ya Borwa ba supile fa ba sa dumalane le leina la ga Rre Kwenantle Selerio go nna ene motlhatlhama bogosi jwa motse wa bone.

Ba supile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ka Moranang a le masome mabedi le boraro morago ga gore ba babisiwe ditsebe  ka leina la ga Rre Selerio, go nna ene yo o tlaa tlhatlhamang Kgosi Mokgabisi Selerio.

Kgosi Mokgabisi, yo o tlhokafetsetseng bosheng, o  tlhomilwe mo setilong sa bogosi ka ngwaga wa 2001, a tsaya mo go Rre Rogers Kamodi  yo o neng a ithola marapo ka ntlha ya bokoa.

Ralekgotla kwa Mokgomane, Rre Okgethile Keitshupang, o ne a rolela morafe wa Mokgomane leina leo mme ba supa fa ba sa dumalane le lone.

O tlhalositse fa setilo sa bogosi se ne se gatilwe ke morwa Selerio ka jalo ba tshwanetse go sala tsamaiso morago ka go tlhoma morwa Selerio go ka etelela morafe pele gape.

Ba lekoko le le neng le rola leina la ga Rre Kwenatle Selerio,  ba romilwe ke Kgosi Malope ba ne ba itsetsepela ka gore ‘mafoko a kgosi a agelwa mosako’ ka jaana ba ne ba tlhalosa fa ba setse ditaelo tsa ga moswi Kgosi Bathoen I yo e neng e le ene a simolodisitseng gore metse e e mo tikologong ya Kanye e tlhophelwe batho go ka etelela merafe pele ka jalo ba ntse ba setse ditaelo tsa kgosi morago.

Mafoko ao, a ne a seka a wela sentle mo morafeng ka jaana ba tlhalositse gore bogosi jwa motse wa bone ga se jwa boswa.

Rre Gobuang Tsie o ne a supa gore e le banni ba Mokgomane ga ba dumalane le tshwetso ya Bo gooraSelerio ka jaana e se banni ba Mokgomane, ba tlholega kwa Kanye kwa kgotleng ya Manareng.

O tlhalositse fa ba batla monni wa motse wa bone yo o tlhaloganyang tikologo eo ka botlalo, go na le go itlhaba ka thipa mpeng ka go tlhoma moeteledipele yo o senang kitso ka motse wa bone e bile a sena bonno jwa sennela ruri mo motseng.

O supile fa seo, se ba baya ka fa mosing ka jaana bontsi jwa nako motho wa teng o tlamega go nna a seo mo kgotleng a ile go tsweledisa ditiro tsa motse wa gagwe kwa Kanye mme seo se dire madiadia a dikgang tsa ditsheko gore di salele kwa morago.

O tlhalositse fa banni ba batla dilo di dirwa ka fa go tshwanetseng ka jaana Kgosi  Daniel Mathiba wa Mmathethe, a ba neetse sebaka seo sa gore ba thulanye ditlhogo ba dumalane ka motho yo ba batlang a ba etelela pele.

O ne a tladiwa ke Rre Michael Tshipinare yo o neng a supa fa ba sa amogele leina la ga Rre Selerio go ka tlhomiwa kgosi ya motse wa bone.

O supile fa nako e gorogile gore ba sale ditsamaiso tsa bogosi morago go na le go remelela mo segologolong sa go tsaya bogosi jaaka boswa.

A re nako e gorogile gore ba busiwe ke monni wa motse wa bone, ka jaana le molao wa go tsamaisa bogosi o o tlhomilweng ke Palamente ya 2008 o letla gore motho o ka tsenya kopo ya go nna kgosi.

Rre Tshipinare o tlhalositse fa molao wa go thiba phatlha ya bogosi o papametse o tlhalosa gore morafe o na le tshwanelo ya go itlhophela yo ba mmatlang go setswe tsamaiso ya molao wa bogosi morago.

A re moemedi o tshwanetse gore a bo a na le dithuto dingwe tse di ka mo letlelelang go buisa molao, e bile a lemogiwa ke tona wa lephata la merero le tlhabololo magae.

Morago ga gore go seka ga nna le neelano le tumelano ka kgang e,  Rre Keitshupang o ne a bolelela morafe fa ba tlaa ikgata motlhala go boela kwa go Kgosi Malope go ya go kopa bogakolodi ka jaana ba setse ba le makgamu mo kgannyeng ya go tlhopha kgosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : MOKGOMANE

Event : Phuthegong ya kgotla

Date : 26 Apr 2016