Breaking News

Lefelo la matlakala le jelwe ke molelo

26 Apr 2016

Khansele ya Kgatleng e  ntse e tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go tima molelo o o neng wa tlhagoga kwa lefelong la matlakala kwa Pilane.

Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, a re ga ba itse se se bakileng molelo oo mme ba ne ba ragoga go ya go o tima.

E rile a bua mo potsolosong ka Labone, o ne a supa fa molelo oo o na le malatsinyana o ntse oo sha mme lephata la bone la go tima molelo le ntse le eme ka dinao go o tima.

 Rre Morolong a re e rile molelo oo o simolola, o ne o le bogale mme ba tshwanelwa ke go kopa thuso ko lephateng la sesole la ditima molelo mme ba kgona go o tima. A re sebe sa phiri ke gore fa ba akanya gore o fedile o kuketsa ntlha e nngwe gape ka gore matlakala ao a setse a itirile thaba mme go bokete go ka tima nako e le nngwe.

Modulasetilo a re mo nakong e e fetileng go kile ga tlhagoga molelo wa mofuta oo mme ba thusiwa ke gore pula e na ya na ka bontsi ka nako eo mme molelo wa tima.

Le fa go ntse jalo, a re ba tlaa tswelela ba tima molelo oo go fitlhela o felela. 

O ne a tlatsa ka gore monko wa mosi wa matlakala ao o tswelela ka go apesa metse e e mabapi bogolo jang Pilane le Rasesa.

Ka jalo o kopile banni ba metse eo go ba inela diatla metsing ka bothata joo mme o dumela gore bo tlaa fela mo nakong e e sa fediseng pelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : POTSOLOTSO

Date : 26 Apr 2016