Go itse ngwao ke go itlhaloganya
26 Apr 2016
Mmatoropo ya Lobatse, Mme Malebogo Kruger, a re meletlo ya go ipelela ngwao e botlhokwa ka jaana e supa fa Batswana ba le motlotlo ka Botswana jwa bone.
Mme Kruger o buile se kwa moletlong wa go ipelela ngwao o o bidiwang Thobo kwa Lobatse ka Matlhatso (Moranang a le masome mabedi le boraro).
Mme Kruger, yo e leng mokhanselara wa kgaolo ya Motswedi, a re go iplelela ngwao go na le mosola ka jaana go supa fa Batswana ba rata ngwao ya bone, ba itse se ba leng sone e bile ba tlhaloganya se ba leng sone. A re go molemo thata gore batho, bogolo jang banana ba supe fa ba na le kgatlhego ya go ipelela se ba leng sone.
Ka jaana seane sa Setswana se re ‘tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng’, go matshwanedi gore bagolo ba rute banana se ngwao ya Setswana e leng sone, go tila gore banana ba ithute dingwao tsa mafatshe a sele mme ba sie le tsone.
O kgothaditse thata bogolo jang bagolo, go ruta bana ngwao ya Setswana e e bonwang mo kaparing, mo dijong, le mo go one moopelo tota. A re o kgatlhegela thata meletlo e, ka jaana mo go yone go tshwarwa metshameko e e farologanyeng ya Setswana, e bogolo jang e gomagomediwang ke go nyelela.
A metshameko mo meletlong e, go tlaa thusa go e tsosolosa gore e seka ya nyelela ka jaana banana ba tlaa e bonela mo meletlong e, mme ba tswelele go e tshameka ka nako ya bone ko malwapeng go intsha bodutu.
Ka jaana kwa moletlong o, go ne ga tsewa nako go tshamekisa puo ya Setswana ka diane, maele le dithamalakane go rekwa go bo go rekololwa. Mme Kruger o ne a akgola se, a tlhalosa fa se se tlaa sireletsa yone puo ya Setswana e e supagalang fa bogolo jang banana ba sena kgatlhego mo go yone.
Mmatoropo o ne a tsaya nako go rotloetsa bogolo jang banni ba toropo ya Lobatse go tsenelela meletlo e tshwana e, bogolo jang go dirisa dikago tsa itloso bodutu tse di agilweng ke khansele ya Lobatse.
A re ka go dirisa dikago tse, go nna le tshupo ya fa e le ruri madi a puso a sa wela ka motlhobodika mme a diriseditswe sengwe se se botlhokwa e bile se na le tiriso e e mosola mo setshabeng sa Lobatse.
O rotloeditse thata batsamaisi ba moletlo go sa itsapa mme go tswelela ba tshwara moletlo o ka segolo bogolo o diretswe go kokoanya madi go direla ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
Fa a tswa la gagwe kgosi Pius Letsholo wa Woodhall kwa Lobatse, o ne a tlhalosa fa ditso di le bolthokwa thata ka jaana di supa kwa batho ba simologileng teng le kwa ba yang teng. A re nako ya thobo segolobogolo ke nako e batho ba tshwanetseng go e ipelela ka jaana ke nako ya go supa se batho ba ntseng ba se fudugetse ba se nnetse kwa masimo.
Kgosi Letsholo le ene o ne a kgothatsa balomaganyi ba tiro, go sa fela pelo fa batho ba sa tle ka makatlanamane kwa meletlong ya bone, mme ba tswelele ka go ipelafatsa ka se ba se dirang go fithelela batho ba kgona go tsenelela meletlo e.
Moletlo wa Thobo ke moletlo o o tshwerweng ke banana ba ikopanste le bagolo bangwe mo Lobatse ka maikaelelo a go tsosolosa ngwao ka go e ipelela ka dijo, mmino, kapari le metshameko ya setso.Moletlo o, o tshwarwa jaana ka gape e le bontlha bongwe jwa go kokoanya madi go direla bana ba ba tlhophilweng ke khansele ya Lobatse ditiro tsa bopelotlhomogi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : LOBATSE
Event : Moletlo wa go ipelele ngwao
Date : 26 Apr 2016






