Breaking News

Leruo le tlhoka tlhokomelo

26 Apr 2016

Mothusa tona wa temo-thuo, Rre Kgotla Autlwetse, o kopile Babirwa go tsaya mananeo a temo-thuo ka tlhwaafalo.

O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Bobonong ka Mosupologo a le di 25.

O kopile batho ba ba neetsweng dihutshane, dikgomo le dikoko go di tlhokomela.

Rre Autlwetse o ne a ntsha matshwenyego a gore Batswana ba na le mokgwa wa go se tlhokomeleng leruo le ba le neetsweng ke puso go na le le ba le itheketseng.

O supile fa batho ba ba thusitsweng ke puso ka leruo ba nna ba ntsha selelo sa gore leruo la bone le jewa ke dibatana le go bolawa ke malwetse selo se se sa diragaleng mo baruing ba ba sa thusiwang ke puso ka leruo.

O boletse fa temo-thuo e le botlhokwa thata mo itsholelong ya lefatshe a fa sekai ka lefatshe la Zambia le itsholelo ya lone e godisitsweng ke temo-thuo e bile mafatshe a a mabapi a reka dijo mo go lone.

Mothusa tona o boletse fa itsholelo e e ikaegileng ka ditswa mmung e le borai jaaka go kile ga diragalela lefatshe la Zambia le itsholelo ya lone e neng e ikaegile ka kopore mme e rile tlhatlhwa ya kopore e wela tlase itsholelo ya e sala morago.

A re Batswana ba tshwanetse go kabakanya itsholelo ya lefatshe leno ka temo-thuo go na le go ikaega ka ditswa mmung jaaka teemane e le yone e e ka reng tlhwatlhwa ya yone e wela tlase e ame itsholelo ya lefatshe leno.

Tona o boletse fa ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo di fokoditswe ka sephatlo morago ga gore puso e  lemoge fa lefatshe leno le amilwe ke leuba, se e le maiteko a go ema temo-thuo nokeng.

O boletse fa mananeo a puso a a itebagantseng le nyeletso lehuma a meletswa mathe ke mafatshe a sele e bile lefatshe la Aferika Borwa le Namibia ba kile ba tla mono go ithuta ka mananeo a gore ba ye go a diragatsa kwa mafatsheng a bone.

Tona o boletse fa mo mananeong a puso e neela batho dithuso mahala e tswa kwa mafatsheng a mangwe a tshwana le Namibia motho a tshwanelo ke go busa dithuso tse a neng a di neetswe fa a sena go atlega gore ba bangwe le bone ba thusiwe.

O ne a fetsa ka go kopa barui go thusa puso go thokomela terata e e kganelang metsamao ya leruo ka se se ka supa fa barui ba amogela dithuso tse ba di neelwang ke puso.

Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Motseothata Mafoko, o ne a tlhalosa fa bodiredi jwa badiri ba ba tlhokomelang terata ya matlhoko a leruo ba tlhaela segolo jang kwa Lenyetse 1, 2 le Moshashambe, ka jalo a kopa tona gore ba okediwe gore ba itepatepanye le seemo sa tiro se ba lebaneng naso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 26 Apr 2016