Breaking News

Mananeo a ka nowa moro

25 Apr 2016

Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane, o gakolotse banni ba Mulambakwena go seka ba ipona tsapa go dirisa mananeo a a diretsweng go tlhabolola matshelo a bone.

E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Mme Mpetsane yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Matsiloje,  o ne a gwetlha banni go dirisa mananeo jaaka nyeletso lehuma, LIMID, SHHA le a banana.

Modulasetilo Mpetsane a re go a tshwenya ka jaana dipalo di supa fa banana ba sa ntse ba le maoto a tshupa go dirisa mananeo  go itirela dikgwebo.

A re mo boemong jwa moo, banana ba setse ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng, le a tlhalositseng e le la nakwana, ka jalo ba sa tshwanela go ikaega thata ka lone.

A re go bo banni ba ne ba kaya fa mananeo mangwe a le bonya go goroga kwa go bone, fela ba nne pelotelele go felela ba nole mananeo ao moro.

Fa a itebaganya le lenaneo la SHHA, Mme Mpetsane o ne a ba kopa go le tsaya tsia go leka go tokafatsa bonno jwa bone ka jaana bonno e le selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho.

O tsweletse a itsise banni fa mo ngwageng ono wa madi, go sena ditiro dipe tse di sha tsa ditlhabololo tse di tlaa dirwang ka fa tlase ga lenaneo la Ipelegeng ka go sa nste go na le bothata jwa thaelo ya madi, a re go tlaa itebaganngwa fela le ditiro tsa go kgaola tlhaga le ditlhare, go phepafatsa le go baakanya dikago tse di tlhokanang le go baakanngwa.

Go ntse go le foo, Mme Mpetsane o boleletse banni ba Mulambakwena fa tsela e ba tswang kgakala ba lela ka yone ya Tshesebe/Mulambakwena, e tlaa dirwa ka lenaneo le le sa tswang go simolodisiwa ke puso la go tsosolosa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP).

Fa ba tswa la bone, banni ba Mulambakwena ba ne ba supa matshwenyego a le mmalwa a dingwe tse di ba amang mo motseng wa bone jaaka tlhaelo ya metsi, go sa atolosiwa ga motlakase mo dintlheng tsotlhe tsa motse, tlhaelo ya matlo a boroko jwa barutabana le tse dingwe.

Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Rodgers Madzambi o ne a kopa gore ofisi ya kgotla ya bone e atolosiwe ka jaana e le nnyenyane, ka jalo badiredi ba ba direlang mo diofiosing tseo, ba bereka ba pitlagane e bile ba sa kgone le gone go boloka sephiri sa ditirelo tsa bone ka go farologana.

Rre Madzambi o kaile gape fa mananeo a puso a le bonya go goroga kwa go bone, a tlhalosa fa go na le baikopedi ba ba sa bolong go dira dikopo, mme nako kgolo ke eno ba ise ba thusiwe.

E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Sam Jorowe wa Mulambakwena a gwetlha morafe wa gagwe go tlhokomela leruo la bone, go itsa gore le lale le saila mo nageng mme phelelong le senyetse bao ba ba beileng ditema kwa masimong a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MULAMBAKWENA

Event : Mnaneo a ditlhabololo

Date : 25 Apr 2016