Breaking News

Motlhwa o tlhakaladitse

25 Apr 2016

Bagokgo ba dikole tse di potlana kwa Tonota ba re ba tshwenngwa ke motlhwa o o bakileng tshenyo mo dikagong tsa dikole tseo.

E ne ya re a lekodisa Mothusa Tona wa  Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, kwa Tonota ka  Labotlhano, mogokgo wa sekole sa Rauwe, Mme Cathrine Mpatane a tlhalosa fa seemo seo se sa jese diwelang ka jaana ga ba na kwa ba ngaparetsang melaetsa le dingwe dithuto tsa bana teng ntateng ya motlhwa.

Mme Mpatane a re motlhwa oo o gakadiwa ke gore matlo mangwe a borutelo a agilwe ka setena sa mmu, mme a tlhalosa fa sekole seo se tlhoka boitseanape jo bo kwa godimo jwa go di baakanya.

A re le fa go ntse jalo, sekole sa Rauwe se tla se dira sentle fela thata mo maduong, a re motlhwa e ka nna sengwe sa dikgoreletsi tse di ka bakang kwelo tlase ya maduo a bana.

Mme Mpatane o supile fa motlhwa oo o bakile tshenyo mo borulelong jwa dikago, bolekeboroto ga mmogo le makoma a a ngaparetsang dipampiri tsa dikitsiso.

Mogokgo wa sekole sa Masedi, Mme Mpiwa Bathoni le ene o ne a lekodisa mothusa-tona ka sekole sa gagwe gore le bone fela jaaka sekole sa Rauwe ga ba a tsoga ke motlhwa. Mme Bathoni o lebogetse thuso e ba e filweng ke Ipelegeng e jaaka dibuka, borotho le tse dingwe fela jalo.

O tlhalositse gape gore sekole sa Masedi se tlhoka dipaakanyo tsa maemo a a kwa godimo ka go nne dipitsa dingwe tse di apeelang bana ga di bereke.

Mogolwane wa kokelo ya Manyanda, Mme Bojosi Nombolo, le ene o ne a nna le sebaka sa go lekodisa mothusa tona ka matshwenyego a ba kopang le one.

A re ka dijo tsa bana ga ba ise ba ke ba itemogele mathata ape a re le fa e le gore go nna le tiego ga se e e kalo.

Fa a ba kgwa dikgaba, Mme Tshireletso o ne a re matshwenyego o a utlwile, mme dingwe o tlaa di tsaya go di fetisetsa kwa maphateng a a lebaneng.

A re o ne a etetse dikole tse pedi mo Tonota ga mmogo le dikokelo ka kgang ya dikole tse di sa tlhokomelweng sentle le dijo tsa bana ka e le bontlha bongwe jwa maikarabelo a lephata le a le okametseng.

Mothusa tona a re seemo sa tlhaelo ya dijo kwa sekoleng ga mmogo le kwa dikokelong se baakantswe ntle le kgang ya mahura. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : TONOTA

Event : Megokgo wa dikolo e le ko disa Tona

Date : 25 Apr 2016