Setshaba se tlhagisiwa ka kgonego ya merwalela
24 Apr 2016
Setshaba se tlhagisiwa ka kgonagalo ya merwalela kwa dikgaolong tsa Okavango le Chobe.
Merwalela e, e go belaelwang e ka simologa mo dibekeng tse di tlang go bolelwa fa e ka ama matshelo a setshaba se se nnang mo dikgaolong tse.
Fa a bua mo puisanong bosheng, mogolwane wa lephata la metsi mo Maun, Rre Kutlo Kgobero o tlhalositse fa mo Okavango ba solofetse merwalela mo mafelong a a jaaka Shakawe le Mohembo bogolo thata mo kgaolong ya Mohembo bophirima.
“Selekanyo sa metsi ko nokeng ya Okavango ke 4-5m ka jalo fa e tshela metsi go ka baka merwalela,” a tlhalosa.
Rre Kgobero o tsweletse a supa fa merwalela e e ka ama thata batho ba ba agileng go bapa le noka le ba ba lemileng kana ba masimo a bone a leng gaufi le noka.
O boletse fa ba tsweletse ka go lebelela seemo e bile ba se ipaakanyeditse.
Ka jalo Rre Kgobero o tlhalositse fa gantsi ka nako ya merwalela ba thusa batho ka mekoro e ba tlodisang dithoto tsa bone noka ka yone.
A re merwalela ya bofelo go nna teng mo kgaolong ya Okavango ke ka ngwaga wa 2010 mme kgaolo e e neng e amilwe ke merwalela eo thata ke kgaolo ya Mohembo bophirima.
Fa a mo tlatsa, mothusa molaodi wa khansele-potlana ya Maun, Mme Gaehetswe Maphakwane o tlhalositse fa ofisi ya molaodi e ipaakanyeditse seemo se se ka tlhagogang .
A re ofisi ya molaodi gantsi e thusa ba ba amilweng ke dibetsa tsa tlholego ka ditante le dikobo.
“Re na le di tante di le masome a le mararo le boraro le dikobo di le lekgolo le lesome le bosupa,” a tlhalosa.
O ne a tswelela a re le fa ba ipaakantse ba na le dikgwetlho tse dintsi di tshwana le tlhaelo ya ditante, ka bontsi jwa tsone di le ko bathong.
“Dingwe tsa ditante tsa rona di makgasa ka batho ba fa ba sena go thusiwa ka tsone ga ba di buse,”a tlhalosa.
A re gape ba na le tlhaelo ya bodiredi jo bo ka tswang ka bonako ka nako ya dibetsa tsa tlholego kana ba ba ka fegogelang go thusa ka jalo o kopile maphata go nna le batho ba ba tlaa nnang ba le teng go ragogela diemo di tshwana le tse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gomolemo Kwenaemang
Location : MAUN
Event : Puisanyo
Date : 24 Apr 2016






