Makhanselara a gana go bewa pele pego
24 Apr 2016
E ne ya re ka Laboraro, makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a gana go bewa pele mokwalo wa lenaneo la borobabobedi la ditlhabololo tsa kgaolo (District Development Plan 8) ba re ga ba a fiwa sebaka sa go o lebisisa.
Mo phuthegong e e faphegileng, makhanselara a ne a bua ka lentswe le le lengwe go ganana go bewa pele pego eo, ba supa fa ba sa tshwanela go fetisa ditshwetso tse tota ba sa nnang le seabe mo go tseweng ga tsone.
Ba ne ba gana go sekegela tsebe boikuelo jwa modulasetilo wa khansele Mme Florah Mpetsane jwa gore ba lemoge fa mokwalo oo, o beetswe gore o bo o gorogile ko lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae gone mo letsatsing leo la phuthego.
Mokhanselara Bakani Badziili wa Siviya, o ne a tlhalosa gore e re ka jaana a letse a amogetse mokwalo oo mo bosigong jwa letsatsi le le fetileng, ga go maleba gore a bo a ka solofelwa go nna le seabe mo go thuseng go o betla pele o fetisediwa kwa pele.
O ne a kopa gore e re ka jaana le bangwe ka ene le bone ba bone mokwalo oo nako e ile, makhanselara a tshwanetse a fiwa sebaka sa go ya go o bala pele ba ka bidiwa gape go tla go akgela mo go one.
Fa a tshwaela, mokhanselara Kudzani Tobokwani wa kgaolwana ya Themashanga le ene o ne a supa fa go se maleba gore ba bo ba solofelwa go fetisa mokwalo o ba sa itseng se o buang ka ga sone.
Rre Tobokwani o ne a supa fa lenaneo la ditlhabololo tsa kgaolo le le botlhokwa thata ka jalo le sa tshwanela go tsewa motlhofo ka banni ba kgaolo ba ya go ikaega ka lone dingwaga tse dintsi.
Le ene jaaka ba bangwe o ne a kopa tlosoloso ya phuthego go fa makhanselara sebaka sa go ya go tlhodumela mokwalo oo gore e re motlhang ba bidiwang ba bo ba tlhaloganya se se leng mo go one. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Phuthego e e faphegileng ya makhanselara
Date : 24 Apr 2016




