Venson-Moitoi o itekodisa batlhophi
24 Apr 2016
Mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi, a re ga a na go emela ditlhopho tsa 2019.
Le go ntse jalo, a re o ikaelela go ipapaletsa maemo a boeteledipele jwa lekgotla la mafatshe a Aferika la African Union.,
Dr Venson-Moitoi o ne a tlhalosa fa ditlhopho tsa maemo a, di tlaa tshwarwa ka Seetebosigo mme go itshupile fela mafatshe a le mararo a a nang le kgatlhego ya go ema,.
Dr Venson-Moitoi o boletse mafoko ao mo diphuthegong tsa kgotla kwa Mogome le Madiaela bosheng, a re e ne ya re morago ga gore moetelediple wa nako eno, Dr Nkosazana Zuma, a sena go tlhalosa fa a batla go ikhutsa morago ga go direla lekgotla leo dingwaga tse nne, Botswana a supa kgatlhego, morago lekgotla la SADC la kopanela kgang eo mme la dumelana ka leina la gagwe ka a ne a supa kgatlhego.
O ne a supa fa phadisano e ya go nna mashetla, mme a kopa kemo nokeng ya batlhophi ba gagwe le gore ba mo gololele mowa ka dithapelo, a bo a re fa a ka bona maemo ao, go tlaa re ba itlhophele moemedi yo bone ba bonang a ka ba emela kwa palamenteng.
DR Venson-Moitoi, yo gape e leng tona wa tsa mafatshe a sele, o ne a kopa khansele gore ba ne ba sekaseka dipalo tsa ipelegeng, ka bontsi jwa batho ba ba mo kgaolong ya gagwe dipalo tsa bone di sa balelwe mo go yone ka e le batho ba dikgaolo tse dingwe tsa bopalamente, a tlhalosa gore e re ka dinako tsa temo go okediwe dipalo ka jaanong ba a bo ba le kwa masimo.
Kgosi Balebetse Sisinyi wa Mogome a re lenyora le ba apesitse kobo ka letshoba ka sengwe le sengwe se eme tsi! ka mathata a metsi.
O ile gape a re e re ka Setswana se re moseka phofu ya gabo ga a swe lentswe ba sa ntse ba ikuela ka tsela ya Mogome/Mokgware, boroko ja mokentsi, badiredi le motlakase.
Banni ba Mogome ba ne ba re go sa wediwa ga kago ya ntlo ya molemisi go ba beile ka fa mosing ka ba sa kgone go tlhatlhoba dikgomo sa bone fa ba batla go pega. Ba ne gape ba re letlhoko la koloi ya kokelwana le go tlhaela ga baoki le gone ke mathata.
Ka kgang ya dituelo tsa metshameko ya kgaolo, go ne ga supega fa ba ya go duelwa mo ngwageng one wa madi le gore ditlhopha tsotlhe tse di kolotiwang melala le yone e tlaa duelwa.
Kgosana Abram Thuto wa Madiaela ene o ne a kgothatsa morafe wa gagwe go agelela masimo a bone ka lenaneo la puso le teng, a re mo nakong eno go ka bo go sena ope Motswana yo o jelwang ke leruo masimo ka puso e thapholotse letsogo go ba thusa ka diterata.
Erile a araba, maphata ka bongwe ka bongwe a supa fa a semeletse go thusa banni ba metse e ba direlang mo go yone ka gotlhe mo ba nang le gone, ka kgang ya metsi go ne ga tlholosiwa fa didiba di senyegle, mme go thapilwe kompone e e tlaa di baakanyang gore ba bone metsi, fa mo nakong eno ba nosiwa ka koloi.
Batlhophi ba ne ba eleletsa mopalamente wa bone katlego mo tlhophong ya gagwe ya AU ba re a Modimo o mo segofatse. Rre Joseph Kgokgothwane o ne a re ke lesego le le gaisang fa Batswana ba tlhophelwa maemo a a tshwanang ao ka a ka baya lefatshe leno mo seemong se se kwa godimo le go tlotlomatsa serodumo sa Batswana.
Morago, Dr VensonMoitoi o ne a abela sekole sa Mokgware paka ya metshameko le dibolo di le lesome, fa ba Mogome bone ba ne ba bona dibolo fela.
Fa a leboga, mokhanselara wa Mogome/Mokgware, Rre Lesedi Phuthego o ne a lebogela khansele go bo e tsweletse ka go ba gopela tsela ya Mogome/Mokgware, a bo a tlhalosa fa lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le ya go aga kgotla ya Mokgware le go e neela koloi.
O ne a kopa puso go seka seka go dirwa ga tsela ya Mokgware a re e ka fokotsa mosuke mo tseleng e tona ka batho ba ba yang Serowe ba ka e dirisa go kgabaganya.
O ile gape a kopa ba lekalana la Gender Affairs go oketsa bodiredi gore ba thuse batho sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ka Kitso Simon
Location : SEROWE
Event : Kgotla meetings
Date : 24 Apr 2016






