Breaking News

Khan o gatelela botlhokwa jwa tshwaragano

21 Apr 2016

Mokhanselara wa kgotla ya Borakalalo kwa Molepolole, Rre Arafat Khan, o kopile batsadi go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone.  Mokhanselara o ntshitse kopo eo mo phuthegong ya kgotla kwa Borakalalo ka Labotlhano. 

A re sekole sa Borakalalo se ka tswelela ka go dira sentle fa batsadi ba ka ema barutabana nokeng. A re batsadi ka e le bone ba ba nnang le bana nako e ntsi, ba tshwanetse go leba dibuka tsa bana go bona gore ba dira jang kwa sekoleng. Rre Khan o ne a akgolela sekole sa Borakalalo go bo se dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa. 

Mogokgo wa sekole sa Borakalalo, Mme Mothusi Gaoforwe, o ne a kopa batsadi go direla bana ba bone ditlankana tsa matsalo ka e le tsone tse di dirisiwang go kwadisetsa bana ditlhatlhobo tsa bosupa. 

A re ngwana mongwe le mongwe o kwadisetswa ditlhatlhobo ka nomoro ya gagwe ya setlankana sa matsalo. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Borakalalo, Rre Busang Lekote a re komiti e tlaa leka bojotlhe go thusa sekole sa Borakalalo go tokafatsa maduo. 

Rre Lekote a re ba tlaa adima sekole nngwe ya ntlo ya komiti ya ditlhabololo tsa motse go rutela bana ba bannye thata mo go yone. Mo go tse dingwe, Rre Lekote o ne a tlhalosetsa morafe fa ba itlamile go direla morafe a re mo dingwageng tse tharo tse di fa pele, ba itlamile gore ba tlaa agela batlhoki ba le babedi matlo le go aga ofisi ya komiti ya ditlhabololo tsa motse. 

A re gape ba ikaelela go gokaganya beng ba dikgwebo mo Borakalalo le morafe, a supa fa se se ka thusa mo ditlhabololong tsa motse. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Ka Lebalang Ditlhobolo

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Apr 2016