Breaking News

Banana ba lela ka dithuso

21 Apr 2016

Banana ba Mulambakwena ba re ga ba itumelele dithuso tse ba di fiwang ke bodiredi jwa puso, segolo jang diofisi tse di itebagantseng le mananeo a bone.Ba buile se mo phuthegong e e neng e biditswe ke modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane, kwa Mulambakwena ka Labobedi.

Banana ba ntshitse dingongora tsa bone morago ga gore Mme Mpetsane a kae fa mananeo a banana a sa dirisiwe, mme seo se ba tshwentse fela thata, ka e le bone ba tshwanetseng go netefatsa fa mananeo a gorosiwa e bile a tsenngwa mo tirisong.

Monana wa Mulambakwena, Mme Lebogang Nelson, o ne a ngongorega gore ba dira dikopo, mme dithuso tse ba di bonang ga di kgotsofatse.O kaile fa ba sena madi ka ba sa bereke mme letsatsi le ba boneng bonnyennyane ba palama go ya go kopa dithuso kwa Masunga, ba bo ba sa thusiwe sentle mo go kgotsofatsang.

Mme Nelson re ba tlhola ba kgarakgatshiwa le diofisi ke bodiredi, mme ba felele ba boetse morago ba sa fiwa le fa e le thuso epe.Mme Nelson o supile fa seo se ba kgoba marapo se bo se phirimisa ditoro tsa bone tsa go ipelega le go itshetsa.

O ne a supa fa bagolo ba motse le bo ne ba sa ba eme nokeng mo go tse ba batlang go di direla motse wa bone, a re bagolo ba a ba latlhelela e bile ba a ba nyatsa.

Mme Nelson o ne a tlhalosetsa phuthego fa ba eletsa go berekela motse wa bone ka e le bone baeteledipele ba kamoso, gore motse o tlhabologe.Rre Tobokani Amos o ne a ikuela mo go modulasetilo gore e re le ntswa mananeo ba a kopa, go lebega ba sa tsewe tsia ke bodiredi ka le diphetolo ba sa di fiwe.

O tlhalositse gore fa dikopo tsa bone tsa dithuso di sa atlega ba ka bo bogolo ba kwalelwa ba itsisiwe gore ba paletswe fa kae gore batle ba baakanye ba boe ba iteke lesego.Mokhanselara wa Mosojane, Rre Mbaakanyi Smart ene o ne a kgothatsa banana gore ba nne pelotelele e bile ba seka ba nna le mowa wa boitlhobogo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Uendjitiza Chienda

Location : MULAMBAKWENA

Event : Phuthegong ya khansele

Date : 21 Apr 2016