Khansele e kopa kemiso molao wa mabitla
21 Apr 2016
Khansele ya Kgatleng e tlaa kopa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, go nama a emisetse molao wa tsamaiso ya mabitla o o neng wa tsenngwa mo tirisong kgweding eno.
E rile modulasetilo wa khansele yeo, Rre Mpho Morolong, a rolela dikgosi tshwetso e e neng ya tsewa ke makhanselara mo bokopanong jwa khansele jo bo kgethegileng bosheng, a supa fa ba dumelane ka mowa o le mongwe gore go buisanngwe le morafe pele ga molao oo o ka bereka.O ne a supa fa mo nakong e e fetileng a ne a kopana le dikgosi mme ba supa fa ba sa itumela ka kgang eo e bile ba kopa gore morafe o rerisiwe mme ga a aka a diega go bitsa bagaabo gore ba buisane.
A re e re le ntswa molao oo o dirilwe ke khansele ya gagwe, go lemosegile fa morafe wa Bakgatla o ne o sa rerisiwa sentle ka tsamaiso, mme ke ka moo ba feletseng ba dumalane gore ba kope tona wa dikgaolo go emisa melawana eo go fitlhela Bakgatla ba rerisiwa ka one.
Rre Morolong a re jaaka a ne a kopane le dikgosi jaana, o simolotse morero sesha mme o tlaa tsamaya le kgaolo ya Kgatleng yotlhe go buisana le morafe ka molao oo.O ne a lemotsha dikgosi gore khansele e filwe dithata tsa go dira melawana ya ditsamaiso jaaka ba setse ba dirile e mengwe mme megopolo mo bokopanong le morafe e tlaa thusa go baakanya melawana eo.
E rile dikgosi di mo kgwa kgaba, tsa supa fa ba itumelela tshwetso eo ya khansele ka e tlaa ba fa sebaka sa go buisana sentle le morafe le gone go tsaya megopolo mo go bone gore se se tlhoka go baakakgwa se dirwe nako e sale teng.
Kgosi Montshiwa Mabodisa o kopile khansele gore e kope maitshwarelo ka go dira molao e sa rerisa morafe. O ne a supa gape gore ba dirile sentle gore ba kope kemiso ya molao gore ba kgone go buisana le morafe gore ba utlwe maikutlo a bone mme ba tseye megopolo ya bone e e ka thusang go nonotsha molao oo.
Kgosi Mabodisa o kopile gore dingwe di elwe tlhoko fa molao o o dirwa jaaka go boloka dikgosi mo masakeng, masea le batsadi ba ba sa bolokelweng kwa mabitleng.
Kgosi Morake Ntshole ene a re o lebogela gore molao oo o bo o dirilwe ka jaana mabitla a sotlega ka go sena yo o a tlhokometseng mme molao o o tlaa thusa go sireletsa mabitla le gone gore lefatshe le dirisiwe sentle kwa mabitleng. Kgosi Ofetotse Ditlhokwe o ne a kopa khansele gore e ele ngwao tlhoko ka jaana ngaka ya setso e bolokwa makuku a naka tsa kgomo le gone go etela baswi ba bone ka nako e ba e batlang ba sa bonwe ke ope.
Kgosi Pheko Phefo o ne a mo tlatsa ka gore go na le dilo tse ba di dirang kwa mabitleng e le ngwao ya segabone mme e bile bone ba eletsa go ikepela mabitla. O ne a re ene ga a batle lebitla le le epiwang le bo le tlogelwa foo le emetse go dirisiwa ka e se tsamaiso ya Setswana.
Kgosi Baatlhodi Mositwane a re o na le lesokolela le kgang e mme e bile ene ga a amogela molao oo ka gore bone ko dikgaolong tse di kwa ntle ga Mochudi ba tlhokometse mabitla sentle e bile a dirisiwa sentle go sena mathata.
A re ka jalo fa go na le mathata mo Mochudi a molao oo o dirisiwe teng mo Mochudi ka gore bone ga ba na mathata ape le tlhokomelo ya mabitla mme o ne a re o lebogela gore go ya go nna le therisanyo le morafe ka molao oo mme se se tlaa dumalanwang se tlaa thusa.
E rile a araba mangwe a matshwenyego a bone modulasetilo Rre Morolong o ne a supa fa a itse dingwe tsa ditsamaiso tsa go boloka ka fa ngwaong mme a re ba tlaa leka ka bojotlhe gore melawana eo e akaretse dilo dingwe tsa ngwao ya Sekgatla jaaka dikgosi tse di bolokelwang mo masakeng le ditsamaiso tse dingwe tsa go boloka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Bokopanong
Date : 21 Apr 2016






