Breaking News

Lephata le itlhalosetsa balemi barui

20 Apr 2016

Mogolwane  wa temo-thuo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Nkaigwa Joel o rotloeditse banni ba Masunga go dirisa mananeo a a leng teng a temo-thuo a akaretsa la LIMID. O ba gwetlhile mo phuthegong ya kgotla go ikatumetsa kwa diofising tsa temo-thuo go tla go tsaya lenaneo le fa gone go lemosegile fa go na le tlhaelo ya dipodi.

O ne a kopa gore ope fela yo o nang le dipodi a tle kwa diofising go ikwadisa go ba rekisetsa dipodi gore ba kgone go di abela ba di ba lebaneng ka go latelana ga bone. Rre Joel o ne a tswelela ka go rolela phuthego fa lephata la BAMB e le lone jaanong le rekisang sengwe le sengwe se se tlhokwang ke balemi-barui, e ka nna dijo le melemo.

O buile fa thulaganyo e, ya go rolela BAMB thekiso ya tse di tlhokwang ke balemi-barui e simolodisitswe ka kgwedi ya Moranang e tloga, mme fela a gatelela fa ditlhwatlhwa e le tsone fela tse di ntseng di dirisiwa, di sa oketsega ka gope.

Moemedi wa lephata la matlhoko a leruo go tswa Francistown, Rre Mbaakanyi Gubungano ene o ne a tlhalosetsa morafe ka fa thekiso ya manyena a leruo e sa ntseng e tsweletse ka teng, mme a rotloetsa morui mongwe le mongwe yo o sa ntseng a saletse kwa morago go bona gore o rekela leruo la gagwe manyena.

O tlhalositse fa lenyena le rekwa P20, e bile o boletse gape fa manyena ao a le mabedi mme le le kgolokwe le tsena mo tsebeng ya molema, fa le le sephaphathi le tsena mo tsebeng ya moja.Rre Gubungano o gateletse thata botlhokwa jwa manyena le gore morui mongwe le mongwe a kwadise leruo la gagwe le tsenngwe mo dikhompiutareng gore go tle go itsiwe palo ya leruo lotlhe le le mo kgaolong.

O ne a tswelela ka go bua ka karata e morui mongwe le mongwe a tshwanetseng go nna le yone e e bidiwang Livestock Keeper’s Card, a bolela fa karata eo e le yone e e thusang molemi morui mo thekong ya sengwe le sengwe sa temo kgotsa leruo. O ne a wetsa ka go kopa barui go tlhatlhela leruo la bone, a re ba tshwentswe thata ke leruo le le gobeyang fela mo mebileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : KaUendjitiza Chienda

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 20 Apr 2016