Kgosi o tlaa tsaya tshwetso ka bogosi
20 Apr 2016
Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a re motshwarelela bogosi jwa Bangwato Kgosi Sediegeng Kgamane o tlaa tsaya tshwetso e e maleba ka bogosi jwa Pallaroad.Kgosi Segotsi o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo ka Labotlhano e e neng e bileditswe go tla go buisana ka kgang ya bogosi jwa motse oo.
Se se tla morago ga go tlhokafala ga kgosi ya motse oo, Rre Mogakolodi Mpaesele ka ngwaga wa 2012, mme e sale ka nako eo motse oo o ntse o sena kgosi ka jaana go na le ngangisano ya gore ke mang yo o tshwanelwang ke go nna mo setilong sa bogosi jwa motse oo.
Le fa go lebega go na le batho bangwe ba ba lebanweng ke bogosi jwa motse oo ka ntlha ya gore batsadi ba bone ba ne ba tlhomiwa go nna dikgosi tsa Pallaroad ke Kgosi Tshekedi le Kgosi Rasebolai Kgamane, morafe o supile fa o batla go itlhophela kgosi ka jaana go sena motho ope yo e leng mojaboswa wa bogosi kwa motseng wa bone.
E re ntswa ba malwapa a boora Molosiwa le Ramabele ba e bileng e le bana ba motho ba supa fa e le bone ba lebanweng ke setilo seo, banni ba motse oo bone ba supile fa ba batla go itlhophela kgosi ya bone fela jaaka go ne go ntse go dirwa mo dingwageng tse di fetileng.
Ba re ba ipotsa gore ba ba ikamanya jang le setilo seo ba ntse ba le kae mo dingwageng tse go neng go ntse go itlhophelwa kgosi fa e le gone ba bolelang fa setilo e le sa bone mo nakong eno.Go sale foo, Kgosi Segotsi o kopile boo Ramabele le boora Molosiwa ba e leng bone ba amegang mo kgannyeng ya bogosi go ya go buisana ka go supagetse fa ba ise ba kopanele kgang eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oteng Ntlotlang
Location : PALLAROAD
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 20 Apr 2016






