Breaking News

Batsadi ba rotloediwa go tsaya karolo

20 Apr 2016

Mothusa tona ya thuto le tlhabololo dikitso, Rre Fidelis Molao o tlhalositse fa kwelo tlase ya maduo mo baithuting lefatshe leno ka bophara e sa jese diwelang.

Mothusa tona o tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi kwa Gabane. Rre Molao a re batsadi ba itlhokomolositse thuto ya bana ba bone, mme se se tsala gore bana ba nne maoto a tshupa mo thutong ya bone go bo go feletsa go tsala mekgwa e e maswe mo baneng.

O ne a tswelela ka gore batsadi ga ba a tshwanela go emela go bilediwa tshenyo ya bana kwa dikoleng mme ba tshwanetse go etela dikole go utlwa ka itekodiso ya bana. A re barutabana ka bonosi ba ka se kgone go aga baithuti. 

Mothusa tona o ne a tswelela a re bokamoso jwa baithuti ke jone bokamoso jwa lefatshe leno, a bo a tlhalosa fa go le botlhokwa go aga babusi ba kamoso ba ba nang le boikarabelo.

O ne a tswelelela a tshwaya phoso, batsadi ba ba rekisetsang baithuti nnotagi, motokwane le ditagi tse dingwe, a re seo se diphatsa mo baneng. Rre Molao a re seemo se, se tsala mekgwa e e maswe mo baithuting e bile gape se ba tlhorontsha mo go tsa thuto.

O supile gore maduo a baithuti a wela kwa tlase ka gore nnotagi e tlhasetse mo baneng, mme batsadi ba ikgatholositse ntlha eo, ba beile morwalo mo barutabaneng. Mopalamente wa Gabane-Mmankgodi Major General Pius Mokgware, o ne a kopa puso go lebelela mabaka a pereko a barutabana.

A re barutabana ba kgona go bereka lobaka lo lo leele ba sa tlhatlosiwe maemo, mme se se ba kgoba marapo e bile se ka ama le go ntsha maduo ga bone. E rile a bua la gagwe,  Kgosi Seeletso Pule wa Gabane, a tlhalosa fa thuto e tshwanetse ya tshwaraganelwa ka e le botlhokwa mo go fetoleng matshelo a bana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Refilwe Kerebotswe

Location : GABANE

Event : Phuthegong ya kgotla

Date : 20 Apr 2016