Ngwana wa lesiela o tlhoka tlhokomelo
20 Apr 2016
Mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Okavango, Rre Tshepho Mogojwe a re bana ba masiela ba tshwanetse go tlhokomelwa le go fiwa lorato ga mmogo le go sidilwa maikutlo gore ba kgone go amogela diemo tse di thata.
Fa a bua mo thuto sekadipuisanong ya malatsi a mabedi e e neng e tshwerwe ke ba lephata la tokafatso matshelo a batho le batlhokomedi ba bana ba masiela maabane kwa Shakawe, Rre Mogojwe a re ngwana ke motho yo o tlhokang go tshwarwa ka manontlhotlho.
O ne a supa fa bana ba, ba na le mowa wa go itlhoboga mo go tlhakatlhakanyang ditlhaloganyo tsa bone mme ba felele ba dule mo tseleng . Le fa go ntse jalo, mothusa molaodi o supile matshwenyego tebang le batlhokomedi bangwe ba bana ba masiela ba ba rekisang dijo tsa bone ga mmogo le go nwa madi a teng bojalwa, a supa fa mokgwa oo e le go rontsha ngwana ditshwanelo tsa gagwe.
A re batho ba na le go itebatsa fa seo e le molato o motho a ka o sekelang kgotsa a ya kgolegelong mme a gakolola bao ba ba dirang jalo go itshekatsheka. Rre Mogojwe o ne a kopa bommabana go ema bana ba masiela nokeng mo thutong ka kgaolo ya Okavango e saletse kwa morago gore ba tle ba kgone go itshetsa kamoso, a supa fa thuto e le yone mang mang mo botshelong jwa segompieno.
Fa a mo kgwa dikgaba Rra-boipelego wa Gumare, Rre Tshireletso Mokoya a re ngwana wa lesiela o tshabelelwa ke dilo tse di tshesanyane ka a na le dikgwetlho tse dintsi tse di ka mo segang tsebe.
O ne a supa fa lefelo le ngwana a golelang mo go lone jaaka kwa go rekisiwang majalwa teng le kgona go ama tlhaloganyo ya gagwe mme a felele a sa dire sentle mo dithutong tsa gagwe.O ne a supa gape fa go buisa ngwana mafoko a a botlha le dikgang tsa go lwela dijo ga mmogo le boswa mo lapeng go ama kgolo ya ngwana mo go dirang gore a tlhoke tsebe.
Rre Mokoya o ne gape a supa fa dikgang tsa go lobela ngwana ka loso la motsadi wa gagwe go ka mo hutsafatsa nako e a lemogang ka jalo go le botlhokwa go bolelela ngwana go sa le nako gore a tle a kgone go amogela seemo.
O tlhalositse fa dinako tse dingwe bothata bo a bo bo le mo batlhokomeding ba gotlhagotlhana ka botshelo jwa sesha jwa bana mme ba felele ba supile bana ka monwana. O ne a kopa batlhokomedi go tlhaloganya ditshwanelo tsa ngwana le maikarabelo a gagwe, a supa fa dinako tse dingwe botlhokatsebe jwa bone bo tlhotlhelediwa ke botsadi, a bolela fa ba tshwanetse go ba kaela, go ba gakolola le go nna pelo telele mo go bone.
Fa a mo kgwa dikgaba, mmaboipelego wa Chukumucho, Mme Reetsang Johannes a re maikaelelo a thuto sekadipuisano eo ke go rutana ka tlhokomelo ya bana ba masiela, tshidilo maikutlo, dikgwetlho tse ba kopanang le tsone, ka fa ngwana a ka thusiwang ka teng nako e a tlhokafaletsweng ke batsadi le tse dingwe fela jalo tse di amang kgodiso ya ngwana wa lesiela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kesentseng Baagedi
Location : SHAKAWE
Event : Thuto sekadipuisanong
Date : 20 Apr 2016






