Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho kwa Tutume

19 Apr 2016

Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng monna le mosadi ba rapaletse mo bodibeng jwa madi mo ntlong ya bone kwa kgotleng ya Thini kwa Tutume.Go ya ka mookamela mapodisi a pharakano kwa Tutume, Superintendent Milidzani Mbayi, tiragalo eo e begilwe ka Tshipi phakela.

Superintendent Mbayi a re go lebega go dirisitswe tlhobolo ka ba fitlhetse tlhobolo go bapa le ditopo tseo. O boletse fa wa mme a le dingwaga tse di masome mararo le bone mme a tswa mo kgotleng ya Thini fa wa rre ene a le dingwaga tse di masome mararo le borobabobedi a tlholega kwa kgotleng ya Selolwane gone kwa Tutume mme go bolelwa fa bobedi joo e ka tswa e ne e le baratani.

Superintendent  Mbayi o tlhalositse fa ba ile ba ragosetsa bobedi joo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng ba tlhokafetse mme ditopo tseo di kwa kokelong ya Tutume go tlhatlhojwa ke dingaka fa ditlhotlhomiso di tsweletse.

A re ke tiragalo e e tshosang thata, ka jalo a ikuela mo bathong gore fa ba na le mathata ba leke go kopa dikgakololo le bogakolodi mo bathong ba bangwe go na le go itseela ditshwetso tse e seng tsone.O ne a tswelela ka gore go ipolaya ga se go rarabolola mathata mme ke go tsisa matshwenyego le bohutsana mo go ba ba salang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Ditlhotlhomiso

Date : 19 Apr 2016