Re a nyalana ga e dige seriti
19 Apr 2016
Kgosi Letsogo Kgaswa wa Nata a re moono wa Re a Nyalana ga se go tlontlolola ope. O buile jalo mo potsolotsong bosheng, a supa fa a sa itumedisiwe ke go bona bangwe ba na le lebaka le leleele ba nna mmogo mme go se na ope morero oo dirilweng.
A re bangwe ba tsaya Re a Nyalana ka tsela e e seng yone ka jaana ba tsaya gore ke nngwe tsela ya go kopanya banyalani ba ba se nang ditsompelo tsa go ka dira lenyalo le le nitameng. Kgosi Kgaswa a re maikaelelo magolo a lenaneo le le molemo le ke go fokotsa dikgang tsa go nna mmogo ga ga mme le rre go se ka fa molaong e bile go se na morero.
A re Re a Nyalana e rotloetsa kgodiso ya bana e e siameng ka jaana bana ba amogela lerato le dikgakololo go tswa mo go mme le rre.
Kgosi a re tsamaiso ya lenaneo le ga e farologane gope le tsamaiso ya lenyalo le le tlwaelesegileng ka jaana go nna morero o o kopanelwang ke batsadi ba ga rre le mme, gape banyalani ba nna le sone sebaka sa go ka ikana fa pele ga molaodi kgotsa kgosi.
O bile a kgala dikgang tsa gore e rotloetsa manyalo a a sa ntshediwang bogadi, a re le bogologolo rre o ne a letlelelwa go ka nyala a sa ntsha bogadi mme go dirwe thulaganyo ya gore o tlaa lefa bogadi joo jang.
Kgosi Kgaswa a re le ka Re a Nyalana, fa bogadi bo se yo kgotsa bo tlhaela, go nna le therisanyo fa gare ga batsadi mme go dirwe thulaganyo e e tlaa salwang morago. A re lenaneo le, ga le a direlwa batsofe, a re go na le malwapa a batho ba dingwaga tse di fa gare a a agilweng ka lenaneo le mme go rena kagisano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : NATA
Event : Potsolotso
Date : 19 Apr 2016






