Badirelapuso ba iteisana borathana
19 Apr 2016
E rile ka Labotlhano Mme Merapelo Lekoba wa sepodisi sa Botswana a gapa maemo a ntlha go nna mmabodirelapuso jwa kgaolo ya Bokone Botlhaba mme a itseela P1 000.
O ne a longwa serota ke Mme Nicky Brown wa khansele ya Bokone Botlhaba yo o itswetseng ka P700, fa maemo a boraro a gapilwe ke Mme Omphemetse Ndiwenyu wa lephata la makgotla a Setswana yo ene a duleng ka P500.
Kgaolo ya Bokone Botlhaba, fela jaaka dikgaolo tse dingwe tsa lefatshe leno, e sa tswa go tsena mo lobelong lwa go tshegetsa kgaisanyo ya mmabontle le rabontle ya badirelapuso go tlhopha baemedi ba ba tlaa iteisanang borathana le ba dikgaolo tse dingwe.
Dikgaisanyo tseo, di ne di tshwaretswe kwa holong ya Masunga ka Labotlhano mme mo teng go ne go bapolane borre ba le batlhano le bomme ba le lesome le motso.
Mo letlhakoreng la rabontle, Rre Goomana Tota wa lekgotla la kabo ditsha la Tati le ene o phamotse P1 000 a sena go gapa maemo a ntlha, a latelwa ke borre Mbatshi Moloi wa lephata la dijalo le Oteng Mapeni wa lephata la Botsogo ba ba tsereng maemo a bobedi le a boraro mme le bone ba ikgapela P700 le P500 ka go latelelana ga bone.
Ba ba neng ba tsene kgaisanyo eo le bone ba ne ba atswiwa ka P300 mongwe le mongwe wa bone.Mo potsolosong le Bopa morago ga go rwesiwa maemo ao, Rre Tota le Mme Lekoba ba ne ba tlhalosa fa ba tlaa netefatsa gore ba ya go lwa ka gotlhe mo ba nang le gone go leka go gapela kgaolo ya Bokone Botlhaba korone, jaaka ba ya go nkgisanya magwafa le ba dikgaolo tse dingwe.
Mongwe wa barulaganyi ba dikgaisanyo tseo, Mme Tebogo Major o tlhalositse fa kgaisanyo e tsamaile sentle, ntle le mathata ape.
O ne a lebogela banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba go bo ba ne ba thologetse kgaisanyo eo, a ba gwetlha go tswelela ka mowa oo le mo ditirong tse dingwe tsa kgaolo mo isagong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Kgaisano
Date : 19 Apr 2016






