Bobirwa o humile matlotlo a tlholego le bojanala
19 Apr 2016
Bobirwa ke lengwe la dikgaolo tse di humileng matlotlo a tlholego le bojanala. Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Justice Madome wa kgotla ya ga Pitse kwa Bobonong o tlhalositse fa kgaolo ya Bobirwa e na le dithaba tse dintle, metsi a a elelang mo dinokeng ga mmogo le diphologolo di tshwana le ditlou,ditau, diphala le dikgokong tse di ka solegelang Botswana molemo.
Rre Madome o tlhalositse fa Bobirwa a na le mafelo a a tshwanang le Tuli Block le Mashatu Game Reserve a a humileng diphologolo tsa naga ka mefuta jaaka dithutlwa e bile a etelwa gangwe le gape ke bajanala.
O supile fa motse wa Lepokole e le mongwe wa e e ka ngokang bajanala ka e na le dithaba tse di nang le ditshwantsho tsa batho le diphologolo.A re noka ya Farm mo Bobonong ke nngwe ya tse di se keng di kgala.O supile fa setlhare sa mophane se se ratwang bobe ke seboko sa phane se le sentsi mo kgaolong ya Bobirwa ka kakaretso, a tlatsa ka go supa fa bontsi jwa Babirwa ba itshetsa ka phane.
Rre Madome o kaile fa phane e, bangwe ba e rekisa.O supile gape fa setlhare sa mokolwane se se dirang ditlatlana, dipheelo ga mmogo le mebanki se atile thata mo kgaolong e.
A re baagi ba metse ya Motlhabaneng, Mathathane le Lentswelemoriti ba rekisa ditlatlana le mebanki e ba e logang kwa mafelong a a etelwang ke bajanala jaaka Mashatu Game Reserve.Kgosi Madome o tlhalositse fa matlotlo a tlholego ga mmogo le diphologolo tsa naga di tshwanetse go sirelediwa le go somarelwa gore di seka tsa nyelela ka di godisa itsholelo ya Botswana.
O tlhalositse fa madi a lefatshe la Botswana le a dirang ka bojanala e le one a dirisiwang go aga dikokelo, go reka melemo le go duela makgetho. Kgosi o gwetlhile Batswana go sireletsa sengwe le sengwe se ba se bonang mo mafelo a a sa tlwaelesegang go etelwa ke batho ka go bo se ka solegela lefatshe molemo mo isagong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 19 Apr 2016






