Breaking News

Matlo go sha mabapi

19 Apr 2016

Mongwe wa bagwebi mo Molepolole, Rre Olebile Regoeng a re go botlhokwa go lemoga le go thusa bangwe ka rona ba ba wetsweng ke seru gore ba boelwe ke seriti sa bone.O buile se ka Labotlhano ko kgotleng ya Mankgwenyane, fa a ne a abela Mme Sekholanyana Pote dimpho di akaretsa ditena tsa kago, dikobo le dijo morago ga gore ntlo ya gagwe e jewe ke molelo.

Rre Regoeng a re le fa ntswa go le botlhoko mo go yo o latlhegetsweng le botlhe ba ba amegang, fela o lebogela gore tiragalo eo ga e a gapa botshelo jwa motho ope fela yo o ka bong a ne a le mo ntlung eo ka nako ya tiragalo mme a tlatsa ka gore dithoto di ka rekiwa mme botshelo jwa motho ga bo kake jwa rekiwa.

E ne ya re a tswa la gagwe, Mme Pote a bolela fa e rile mo letsatsing la Labotlhano beke e e fetileng kgwedi eno, ntlo ya gagwe ya jewa ke molelo o le gompieno ba sa itseng gore o ne o bakilwe ke eng. A re gone go sena ope mo ntlung fa tiragalo eo e diragala ka jalo go sena ope yo o boneng dikgobalo fa e se fela gore dithoto tsotlhe tsa gagwe le tsa bana ba gagwe ba bararo tsone di ne tsa a sha tsa ba tsa lora.

Mme Pote o ne a amogela dimpho tseo ka matsogo oo mabedi a supa fa a e bile a ne a sa di solofela. O ne a supa fa a itumetse thata mme segolo bogolo a lebogela mokgosi o batho ba mo duleng one. A re se, se kaya fa tota a tshela le batho ba ba kgathalang mme le ene a tlaa sala se morago.O lebogetse thata maiteko a mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Molemisi Motsewabathata yo a kaileng fa a sale a itshwaragantse le enefa esale tiragalo e e diragala.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya kgaolo ya Mankgwenyane, Mme Bonkemetse Radipuonyana dione a  re thuso ya mofuta o, e supa fa tota Batswana ba sa lebala puo ya motsoga pele e e reng “matlo go sha mabapi”.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keorepetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Apr 2016