Tshwaragano e botlhokwa
19 Apr 2016
Banni ba Makwate mo kgaolong potlana ya Mahalapye ba kopilwe go tshwaragana le go bereka ba le ngatana e le nngwe fela mo paakanyetsong ya boipuso jwa monongwaga.Kgosi Matswaodi Diau wa Makwate o kopile jalo mo phuthegong ya kgotla bosheng fa a ne a rolela morafe komiti e e tlhophilweng go rulaganyetsa boipuso.
Rre Diau o ne a kopa banni ba Makwate go tsenya diatla mo ditirong tsa letsatsi leo gore maikaelelo a lone a atlege.O ne a tlhalosa fa letsatsi leo e se la puso e le nosi mme e le la Motswana mongwe le mongwe.O ne a tswelela a tlhalosa gore komiti eo e akareditse batho botlhe jaaka badirelapuso, balekane ba Botswana, banana jalojalo.
O kopa batho botlhe ba ba tshotsweng ka 1966 go itshwaraganya le barulaganyi ba moletlo gore ba tsee karolo.O ne a kgothatsa banni gore ba tlogele kana ba seegele dipharaloganyo tsa bone kwa thoko mme ba bereke mmogo, a tlatsa ka go re letsatsi la boipuso batho ba tshwanetse go supa popagano le boitumelo.O kopa dikomiti tsotlhe tsa motse jaaka ya ditlhabololo, ya botsogo le tse dingwe go tsenya letsogo mo tirong ya boipuso.
Kgosi Diau o ne a kopa banni go tlhama ditlhopha tsa dikhwaere tse di tlaa natefisang letsatsi leo.A re setshaba se tshwanetse sa tlhama dipina tse di nang le molaetsa wa boipuso e le tsela nngwe ya go supa bokao jwa letsatsi leo.O ne a rotloetsa banni gore e re ka boipuso ba apare kapari kana mebala ya lefatshe la Botswana.
E re go ntse jalo, o tlhalositse gore letsatsi leo le tlaa ipelelwa kwa kgotleng e tona ya motse go rotloetsa mowa wa tshwaragano le popagano.O tlhaloseditse batsena phuthego gore go tswa bogologolong meletlo ya boipuso e ntse e direlwa mo dikgotleng tse di tona tsa metse, a tlatsa ka go re ba tshwanetse go gata fa ya pele e gatileng teng.
Mo go tse dingwe, Kgosi Diau o boletse fa motsana wa bone o tlaa amogela molelo wa kgolagano Seetebosigo a le malatsi a a masome mabedi le borobabongwe.A re go supa fa motse wa bone o sa lebalwa ka gore le bone ba tlaa nna le sebaka sa go amogela molelo wa kgolagano, a tlatsa ka go re seo se tlaa dira gore Makwate o itsege lefatshe leno ka bophara.
O ne a kopa banni go ipaakanyetsa letsatsi leo ka gore ba tshwanetse go tla go lala le molelo wa kgolagano mo kgotleng, a supa fa molelo oo o sa tshwanela go tima bosigo, ka jalo o tlhoka go kgotlediwa.O supa fa letsatsi leo e le le le faphegileng e bile le supa popagano le bojammogo. Fela jaaka letsatsi la boipuso, moletlo wa molelo le one o tlaa natefisiwa ka moopelo wa dikhwaere, poko ga mmogo le ditso.
E re go ntse jalo, ba kgothadiwa go phepafatsa motse wa bone gore molelo o tle o gorogele fa go leng phepa.Kgosi Diau o ne a kgothatsa banni go supa lorato, boikarabelo, maitseo le tlhompho fa molelo o goroga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : MAKWATE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 19 Apr 2016






