Breaking News

Bagwebi ba sireletsa baithuti mo dikotsing

18 Apr 2016

Ka maikaelelo a go sireletsa baithuti ba sekole se sebotlana sa Masunga mo dikotsing tsa tsela, bagwebi bangwe ba le babedi ba Masunga ba sa tswa go abela sekole seo didirisiwa tsa ipabalelo tseleng.Bobedi joo, ebong borre Patrick Seleka le Kuda Balule, ba ebetse sekole didirisiwa tse di akaretsang diphala, matshwao le kapari e e galolang, tse tsotlhe di lopileng P3 000.

Baithuti ba sekole seo ba tlaa dirisa didirisiwa tse go laola metsamao ya dikoloi fa ba kgabaganya tsela ba tsena mo sekoleng go leka go tila go thulwa ke dikoloi tse di fetang foo.  

Fa a bua kwa tholong ya dimpho tseo ka Labotlhano, Rre Seleka o ne a tlhalosa fa morago ga go lemoga fa bakgweetsi ba dikoloi tse di fetang gaufi le sekole seo ba taboga e bile ba se na kelelelo ya gore ba feta fa gare ga bana, o ne a tlelwa ke mogopolo wa go thusa sekole ka didirisiwa tseo le go fa baithuti lesedi la ipabalelo tseleng.

Rre Seleka a re se se ngomolang pelo go feta ke go bo go na le bakgweetsi ba ba nang le mokgwa wa go itlhokomolosa makgabaganyo a tsela a batsamaya ka dinao a a dirilweng fa pele ga sekole seo, mo e bileng bangwe ba felela ba pipinyetsa bana fa ba kgabaganya foo.

A re o lemogile gore seo ga se a tshwanela go itlhokomolosiwa, ka jaana matshelo a baithuti a le mo diphatseng. A re o ne a rekisetsa Rre Balule mogopolo oo, mme le ene a o amogela ka oo mabedi, ka jalo ba felela ba kgonne maikaelelo a bone a go leka go boloka matshelo a bana, ba e leng bone baeteledipele ba lefatshe leno ba kamoso.

Rre Seleka a re le ntswa a se na ngwana yo mo nakong eno a tsenang mo sekoleng seo, fela o ne a gwetlhega go direla sekole seo sengwe, e le ka maikaelelo a go busetsa sengwe mo sekoleng se a alogileng mo go sone ka 1974, jaaka a ne a wetsa lokwalo lwa bosupa.

Fa a latlhela la gagwe, Rre Balule o ne a re le ntswa dikgwebo tse ba leng mo go tsone e le dingwe tse di dirang dipoelo tse di kwa tlase, fela seo ga se a ka sa ba ema pele go supa lorato mo sekoleng seo.

Rre Balule o ne a tlatsa ka go re gape ba bone go tshwanela gore ba nne le seabe sa go thusa lefatshe leno ka tsela nngwe, bogolo jang go lebeletswe matshego a tebelopele ya 2016.

O ne a gwetlha beng ba dikgwebo ba bangwe mo Masunga go tshwaragana le bone tebang le go tsweledisa tema e ba setseng ba e segile, go leka go tsisa pharologanyo mo matshelong a batho ba bangwe.

Mogokgo Oswell Sigwele o ne a supa boitumelo a re tiro e e dirilweng ke borre Seleka le Balule e tshwanetse ya rolelwa hutshe ka jaana ba supile boikarabelo jwa go boloka matshelo a bana.

O ne a rotloetsa gore batho ba ititee ka thupana go inaakanya le mananeo a tshwana le ‘Adopt a school’, ka a ka isa dikole golo gongwe.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Kabo dimpho

Date : 18 Apr 2016