Ba kopiwa go ipaakanyetsa meletlogadi
18 Apr 2016
Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba o rotloeditse banni ba metse e e mo kgaolong ya gagwe go ipaakanyetsa meletlo ya boipuso jwa monongwaga le go amogela molelo wa kgolagano.
Mme Botlogile Tshireletso o boletse mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa metsing ya Mokoswane, Kudumatse, Mmaphashalala, Mookane le Palla-road bosheng fa e le boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe mo paakanyetsong meletlo ya boipuso.
Mme Tshireletso, yo e bileng e le Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, a re le ntswa lefatshe leno le tseetse puso mo legoeleleng, Batswana ba tshwanetse go ipelafatsa ka ditlhabololo tse di dirilweng ke puso.
Mopalamente o ne a kgothatsa banni ba metse eo go dirisa mananeo a puso jaaka LIMID, ISPAAD, Ipelegeng le la SHHA go tokafatsa bonno jwa bone le go simolola dikgwebo tse di ka ba ntshang mo lehumeng.
A re mmuso o abetse lephata la tsa pereko le selegae P30 million e le madi a a tlaa dirisiwang go thusa basadi ba lefatshe leno go itlhamela dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go bulela Batswana ba bangwe mebereko.
Mo diphuthegong tseo, mothusa tona o ne a tlanyatlanyetsa banni ka ditiro tse di tlaa dirwang mo metsing ya bone ka lenaneo la go rudisa itsholelo jaaka go tshela tsela ya Dibete/Machaneng sekontere le kago ya matlwana a borutelo a supa le matlo a barutabana a le mabedi kwa sekoleng se segolwane sa Dikgatlho.
E rile banni ba akgela, ba iteela Tautona le mmuso wa gagwe megolokwane ka se ba se biditseng go ema Batswana nokeng mo temong ka lenaneo la ISPAAD e bile ba itumelela ditiro tse di dirilweng mo metsing ya bone ka lenaneo la Ipelegeng.
Kwa Mokoswane le Mmaphashalala ba kopile go agelwa diofisi mo dikoleng tse dipotlana le go gokelelwa motlakase fa kwa Mookane le Pallaroad ba kopile go agelwa sesha lehuti la matlakala le go baakanyediwa dipompo tsa metsi tsa setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Kgotla meeting
Date : 18 Apr 2016






