Breaking News

Morupisi o kopa badiredi go emela ESP ka dinao

18 Apr 2016

Badirelapuso kwa Tonota ba gakolotswe ka seabe sa bone mo go diragetseng lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP).

Mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi o ntshitse kgakololo eo mo phuthegong ya gagwe le badirelapuso.

O tlhalositse fa lenaneo leo le tshwanetse go diragadiwa ka kelotlhoko le botswerere gore e re kwa bofelong itsholelo ya lefatshe leno e bo e tokafetse.

A re go na le makalana a a ka thusang go tsosolosa itsholelo jaaka la temo-thuo le la bojanala.

Rre Morupisi o kopile badirelapuso go ela tlhoko boleng jwa dithoto tse ba di rekang, ga mmogo le ditlhwatlhwa gore a ke tse di lebaneng.

A re taelo ya puso ka lenaneo leo ke go reka dithoto tse di dirilweng mo gae, a tlatsa ka go re seo se tlaa dira gore dikgwebo di gole di nne le sebaka sa go tlhamela Batswana ba bangwe ditiro.

Rre Morupisi o rotloeditse gore go dirisiwe dikhamphani tsa mo gae.

O ba gakolotse go ntsha ditirelo ka nako le gone go akofela go thusa baji-bareki go itsa madiadia a a ka bakang tshenyetso setshaba.

Kgosi Ramosinyi Radipitse wa Tonota ene o lebogetse ditlhabololo tse di tsisiwang ke puso. Le fa go ntse jalo, o ne a lela ka letlhoko le le apesitseng kokelo ga mmogo le bonya jwa maranyane a a dirisiwang mo go tsa madi tsa puso (GABS), a re ke yone e diang dilo ka bontsinyana  mo kgaolong.

O kopile Rre Morupisi go thusa, bogolo jang ka yone GABS gore dilo di tle di fefoge.

Rre Morupisi o tlhalositse fa kgaolo ya Tonota e le yone e di gogang kwa pele ka bokete mo lenaneong la go tsosolosa itsholelo, a tlatsa ka go re go boammaaruri kgang ya GABS e tshwenya dikgaolo ka bontsi, mme o tlaa e sala morago. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : TONOTA

Event : Phuthego

Date : 18 Apr 2016