Breaking News

Lenaneo le thusa Gabane ka ditsela

18 Apr 2016

Banni ba Gabane ba tlaa akola ditlhabololo tsa ditsela mo gare ga motse tse di tla a dirwang mo nakong e e sa fediseng ka lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP.

Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffry Sibisibi o tlhalositse fa kgang ya ditsela tsa Gabane e dumalanwe ka 2009, mme ka go tlhoka lesego go ne ga nna le kwelo tlase ya itsholelo.

O tlhalositse fa ba ne ba tsile go rerisa morafe gore ba aga maemelo a dibese, ditsela tsa sekgala sa 28km le dipone tsa mekgwatha tsa sekgala sa 10km.

Rre Sibisibi o tlhalositse fa ditlhabololo di tla ka ditlamorago tsa tsone, jaaka go sutisiwa ga batho, go ranyega ga matlo ka nako ya kago, a supa fa legale go tlaa nna le ditshekatsheko pele ga tiro e simologa, mme ba ba tlaa angwang ke diphetogo tse ba tlaa atswiwa.

O kopile tirisano mmogo gore tiro e tswelele, a bo a kopa gore ba seka ba dia tiro ka ditsheko.

Rre Sibisibi o tlhalositse fa dikatakata fa di bereka mo motseng di tsile go dira tshenyo, a supa fa ba ba tlaa senyegelwang ba tlaa baakanyediwa.

O supile fa tiro e e tla a emisa selelo sa morafe sa gore ba betwa ke lerole.

Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Dr Themba Mmusi, o tlhalositse fa ba tlaa netefatsa gore dilo di dirwa sentle le ka nako.

O supile fa maikaelelo a lenaneo la ESP e le go rudisa itsholelo le go tlhamela Batswana ditiro.

E rile ba tswa la bone, banni ba supa fa ba itumelela tiro e, mme ba kopa gore go hirwe bana ba bone.

Mopalamente wa Gabane/Mmankgodi, Maj. Gen. Pius Mokgware o ne a supa fa a lebogela gore motse wa bone o gopotswe, le bone ba tlaa nna le ditsela le dipone tsa mekgwatha.

O supile fa ba na le bana ba bantsi ba ba sa berekeng, a kopa gore dikonteraka di hire bana ba Gabane ka ba na le boikarabelo.

O kopile gore fa go dirwa maemelo a dibese, go seka ga lebalwa go dirwa matlwana a boitiketso a ba-na-le bogole.

O supile fa a eletsa gore go nne le tsela e e tlhamalalelang kwa Game City e tswa kwa Gabane, gore ba seka ba palama gabedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : GABANE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 18 Apr 2016