Dikole tsa bananyana ke motheo o o lolameng
17 Apr 2016
Mopalamenete wa Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse, a re thulaganyo ya go tlwaetsa bana ba ba tlaa simololang mophato wa ntlha wa sekole (reception) o tlhoka thulaganyo e e tsepameng.
Fa a bua mo diphuthegong tsa go lekola dikole tse di potlana tsa kgaolo ya gagwe le go abela baithuti dipene le dibuka kwa Hatsalatladi le Mahetlwe, Rre Seretse o tlhalositse fa thulaganyo e, e le maikaelelo a go baakanyetsa bana bokamoso ka thuto e e nang le boleng.
Rre Seretse, yo gape e leng tona wa peeletso, papadi le madirelo, o tlhalositse fa a tlhobaetswa ke gore go tlhoka thulaganyo e e tsepameng, go ka ama maikaelelo a go tokafatsa maduo.O ne a gwetlha bodiredi jwa thuto go betla methale e e haphagileng e e ka thusang thulaganyo ya go tlwaetsa bana sekole go atlega.
Rre Seretse o kaile fa lephata la gagwe le rotloetsa thata tsamaiso e lolamemng ya thuto ka jaana le ikaegile ka thuto go betla barutegi ba ba ka thusang mo tlhabololong le kgolo ya itsholelo ya lefatshe leno.Mothusa mogokgo kwa sekoleng sa Mahetlwe, Mme Esther Maotonyane, o kaile fa thulaganyo e, e ka kgoreletswa ke tlhaelo ya ditlamelo di tshwana matlwana a boitiketso le a borutelo.
Mme Kgomotso Kooagile mogokgo kwa sekolong sa Hatsalatladi a re go botlhokwa go netefatsa gore ke dife dikolo tse di ka amogelang bana go lebilwe ditsompelo tse di leng teng.Mme Kooagile o supile fa go na le tokafalo ya seemo sa maduo.
Are se se santseng se tshwenya, ke botsadi jo bo ikgatholositseng thuto ya bana, a supa fa katlego ya sekolo mo nakong ya gompieno, e ikaegile ka bogogi le bodiredi.Mookamela thuto mo kgaolong ya mokwena Rre Benson Rauwe a re dikolo dingwe di itlamile go amogela bana le mororo thaelo ya ditlamelo e tshwenya.
O kaile fa ba tsere tshwetso e, ka go lemoga botlhokwa jwa go baakanya ditlamelo tsa pula go sale gale.Le fa gontse jalo, Rre Rauwe o gwetlhile botsamaisi jwa dikolo tse di potlana tsa Kweneng go tokafatsa tsela e ba dirang dilo ka yone mo tsamaisong ya thuto le go itlama go tokafatsa maduo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : HATSALATLADI
Event : Phuthego
Date : 17 Apr 2016






