Breaking News

Lenaeno la ESP le tlaa bewa leitlho

17 Apr 2016

Mokwaledi mogolo kwa ofising ya ga Tautona, Rre Carter Morupisi a re lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) le ka atlega fela fa le ka bewa leitlho le go sekasekwa kgapetsa kgapetsa.

Rre Morupisi o boleletse badirelapuso kwa Tutume ka Laboraro gore kwa ntle ga go bewa leitlho mo go tseneletseng, lenaneo leo ga le na go atlega, ka jalo o kopile baeteledipele ba maphata go tlhomamisa gore kabo ditiro tsa lenaneo leo la ESP e dirwa ka ditsela tse di tlhamaletseng.

O tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a lenaneo le e le go tsosolosa itsholelo, go tswakatswakanya itsholelo le go direla Batswana mmereko ka jalo a ba gwetlha go reka dithoto le ditirelo tsa bana ba mo gae go leka go godisa madirelo a bone.

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa lekalana le le lwantshang  tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Mme Rose Seretse o boleletse badirelapuso gore ditiro di tshwanetse go abelwa dikhampani tse di farologaneng e seng di le dingwe fela.

A re go tshwanetse ga dirwa ka bojotlhe go tlhomamisa gore ditiro tseo di abiwa ka tsela e e senang bana ba phefo.Mme Seretse a re e re ka jaana madi a mantsi a lenaneo leo a reka dithoto le ditirelo go tshwanetse ga salwa morago tsamaiso ka dinako tsotlhe go tlhomamisa gore le sologela Batswana molemo.

O ile a gatelela ka gore go tshwanetse ga rekwa dithoto tsa dikhampane tsa monogae gore madi a tle a tsene mo letloleng la lefatshe leno.Gape o tsweletse a kopa badirelapuso go ikgapha mo ditirong tsa tshenyetso setshaba le go amogela dimpho.

Badirelapuso ba kgaolo-potlana ba ne ba bolela fa ba amogetse lenaneo leo ka dipelo tse di tshweu, ba re e re ka sejo sennye se sa fete molomo, bongwe bontlha jwa matshwenyego a bone a arabilwe le sa boroko jone e santse e le kgwetlho e tona mo go bone.Gape ba ile ba supa matshwenyego ka tsela ya Francistown le Nata ba re e epegile ke dikhutikhuti mme ga gona fa e umakwang teng mo lenaneong leo mme e le yone e e tshwereng matshelo a batho.

Rre Morupisi o boleletse fa a tlaa isa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebanyeng mabapi le tsela eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego

Date : 17 Apr 2016