Babereki ba kopa RASA
17 Apr 2016
Badirelapuso ba Sowa ba kopile puso go sekaseka gape toropo eo mabapi le lenaneo la Remote Areas Service Allowance (RASA) .
Ba boletse se mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi .
Rre Bishop Molefe a re go bo Sowa a tlhomilwe toropo ke phoso ka ba mo sekakeng e bile ba kgakala le ditlamelo, mme le madirelo a a teng, ditlhwatlhwa tsa dithoto di kwa godimo mo go sa lekaneng madi a ba a amogelang.
O ne a kopa puso go sekaseka gape lefelo leo go bona gore a ga le a lebaganwa ke go amogedisa babereki bonnye jwa go berekela kgakala le ditlamelo.
Rre Joseph Nlanda ene o ne a leboga maiteko a puso a go leka go direla Batswana mmereko ka lenaneo la Economic Stimulus Programme (ESP).A re kwa Sowa go santse go na le tlhaelo e ntsi ya matlo a boroko le a borutelo kwa sekoleng se segolwane sa Nxakato, a re seemo sa teng se ngomola pelo.
Fa a tswa la gagwe, Rre Morupisi o ne a bolela fa a itse ka matshwenyego a toropo eo thata ka e bile le ratoropo wa yone a mo kwaletse lekwalo ka one.
O ile a ba tlhalosetsa fa maikaelelo a phuthego ya gagwe e ne e le go ba lekodisa ka lenaneo le le sa tswang go tlhongwa la ESP, le go ba kopa e le badirelapuso go thusana le puso go bona gore lenaneo leo le a diragadiwa e bile le a atlega jaaka go solofetswe.
Rre Morupisi a re Botswana jaaka mafatshe a mangwe, o ntse a faraferwe ke mathata a kwelo tlase ya itsholelo ka mohama wa ditswa mmung di tshwana diteemane theko e ntsi e wetse tlase ka jalo seo sa ama ditlhabololo.
O ne a gatelela ka gore bone e bile ba sego ka mo kgaolong ya bone go na le meepo e ba e itemogetseng fa mengwe ya yone e tswetswe ka theko e ne e wetse tlase.A re ere ka ESP e itebagantse le mohama wa bojanala mo toropong eo, ba ka dira go le gontsi go oka babeeletsi le go godisa bojanala mo kgaolong eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : SOWA
Event : Phuthego
Date : 17 Apr 2016




