Mogokgo o emetse baithuti ka dinao
17 Apr 2016
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Segale kwa Mochudi, Rre Elisha Kgosi, o tshwere namane e tona ya tiro go netefatatsa gore baithuti ba sekole sa gagwe ga ba tshabe sekole.
Rre Kgosi o tlhalositse fa a simolotse go direla mo sekoleng seo ngwaga o o fetileng mme a ne a tshwenngwa thata ke go sa tseneng sekole sentle ga baithuti bangwe.
O tlhalositse fa a ne a tshwenngwa thata ke gore ntswa bana ba ne ba sa tsene sekole sentle, batsadi ba ne ba sa iponatse go tlhalosa gore ke eng bana ba sa tle sekoleng.
A re o ne a tla ka mogopolo wa go tsena mo mebileng e a itseng fa baithuti ba e dirisa go ya sekoleng go leka go ba rotloetsa go tsena sekole sentle a kaya fa seo a ne a se dira moso le moso go fitlhela a tshwara baithuti ba le barataro, basetsana ba le batlhano le mosimane a le mongwe ba ba neng ba iphitlha mo dikgokgotshwaneng mme ba boele malapeng fa sekole se tswa.
O boletse fa a ne a itshwaraganya le batsadi ba bone ba ba neng ba kaya fa ba ne ba sa itse fa bana ba sa tsene sekole mme ba itlama go dira mmogo go netefatsa fa baithuti ba tsena sekole.
“Ke batla bana ba rutega ke ka moo ke ka se nneng fela mo ofising, gape ke itemogetse gore bana ba ka rutega fa re ka fetola boitshwaro le go akanya ga bone,” Kgosi a tshwaela.
Mogokgo o tlhalositse fa a sa ipone tsapa ka jaana a netefatsa gore pele a dira ditiro tsa ofisi a bo a etela matlo a borutelo go dumedisana le baithuti ba gagwe a tlatsa ka gore seo se ntshitse maduo ka jaana go rena botsalano fa gare ga gagwe le baithuti botlhe.
O tlhalositse fa a itumedisiwa thata ke maduo a baithuti ba lekwalo la bosupa a kaya fa a tokafetse e bile a nametsega gore ba tlaa dira sentle ngwaga o fela.
O boletse fa a na le komiti e e matlhagatlhaga ya batsadi le barutabana e le yone e mo emeng nokeng go ntsha maduo, godimo ga moo a re ba ne ba dumalana go leboga baithuti le barutabana ka go simolodisa kabo dietsele le ditlankana e e itebagantseng le dithuto ga mmogo le tsa metshameko mo sekoleng.
A re maikaelelo a go dira kabo dietsele ke go tsisa mowa wa go gaisana ka go gwetlha barutabana le baithuti go bereka ka natla gore mongwe le mongwe a tle a lemogelwe maiteko a gagwe.
Fa a ntsha la gagwe, moeteledipele wa baithuti ba mophato wa ntlha go fitlha kwa go wa bone, Mme Mokgabo Nyere, o kaile fa go na le pharologanyo e ntsi mo maduong a baithuti fa e sale ngwaga o o fetileng, a tlhalosa fa boitshwaro jwa baithuti bo fetogile thata.
Mme Nyere o tlhalositse fa barutabana ba leka ka bojotlhe go ema baithuti nokeng le go tla ka maano a go ba kgothatsa, o tlhalositse fa ba ne ba kgobokanya madi mme ba rekela baithuti ba batlhoki diaparo mo pakeng e e fetileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesego Ngwai
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego
Date : 17 Apr 2016






