Breaking News

Go phuaganya leruo go tshwenya modulasetilo

17 Apr 2016

Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui kwa masimong a Mooko mo kgaolong ya botlhophi ya Serowe Borwa, Rre Letso Moiteelasilo,  o tlhalositse fa barui le badisa bangwe ba phuaganya meraka go latela ditiro tsa ipelegeng .

Fa a bua  kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke  tona ya merero le tirisano mmogo  ya mafatshe a sele, Dr Pelonomi Venson-Moitoi  ka Mosupologo, Rre Moiteelasilo  a re go tlhoka ipelegeng  kwa masimong a Mooko go dira gore batho ba phuaganye  meraka go ya Moiyabana le Serowe kwa  go nang le ipelegeng teng.

E re ntswa a le kgatlhanong le go phuagaya leruo go ya ipelegeng, o tlhalositse fa go le botlhokwa go nna le ipelegeng kwa masimong ao gore balemi-barui ba koo le bone ba akole lenaneo leo, a tlatsa ka gore badisa  ba ne ba bereka ipelegeng ka therisono le bahiri ba bone mo dinakong tsa maloba.

O tlhalositse fa ipelegeng e ka ba thusa go rema ditlhare le go  ntsha  diolo tse di tlhogang mo letamong la bone tse a reng di ka nna tsa thuba letamo. O ne gape a supa fa ipelegeng e ka  tokafatsa seemo sa tsela ya bone, e balemi ba koo ba lelang thata ka seemo sa yone.

Rre Moiteelasilo o ne a supa kgwetlho ya gore motlhaba o o tlang le noka o katela letamo la bone, a tlatsa ka gore le kwa metsi a tshologelang teng fa letamo le tletse go epegile.

O ne gape a lekodisa tona gore masimo ao a aperwe ke bogodu jwa leruo, a re seemo seo se gakadiwa ke matimela a a gobeyang koo. Rre Moiteelasilo  o ne a supa matshenyego a go tlhoka  ditirelo tsa kokelwana tse di tlang ka dikoli (mobile clinic).

A re go botlhokwa gore ditirelo tsa botsogo di atumele balemi-barui gore ba nne ba le gaufil le temo le leruo la bone,ba seka ba phuaganya temo-thuo go di latela kwa metseng.

A re kago e e kileng ya bo e direla tiro eo e setse e fetogile letlotla. Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana  le ene o ne supa fa bogodu jwa leruo bo ile magoletsa kwa masimong ao.

Kgosi  Kgomokgwana  a re ka paka ya selemo, bangwe ba kgona go tima dikgomo tsa matimela metsi lebaka le le leele go fithelela di tsena mo seemong sa gore fa di ka nwa metsi  di  bo di ka swa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : MOOKO

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Apr 2016