Dikgwebo tse di amanang le thuo di ka tswelela
14 Apr 2016
Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o kopile banni ba Shoshong le metse e e mo tikologong go dira dikgwebo tse di tsamaisanyang le thuo ya dikgomo.
Rre Makgalemele o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere le ba Botswana Meat Commission kwa motseng oo ka Labobedi.
O kopile banni go tswa ka dikgwebo tse di farologanyeng go ka tswakanya le thuo ya dikgomo e e ka kgonang go gola bogolo jang thata ka kgaolo ya bone e na le dikgomo di le dintsi.
Rre Makgalemele, yo gape e leng mothusa tona mo lephateng la merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, a re ba kgona go simolodisa dikgwebo di tshwana le temo ya dijo tsa leruo, tsadiso ya dikgomo ka go farologana ga tsone gammogo le go ikopanya ba dira koporasi e ka yone e ka kgonang go isa dikgomo kwa matlhabelong e itebagantse le tsa mesepele ya tsone, melemo ya leruo le tse di dingwe.
A re lenanaeo la ISPAAD le buletse gore mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego mo go lone o ka le tsaya mme a lema dijo tse ka lone a itebagantseng le go jesa dikgomo tse di mo kgaolong mme fa nako e tsamaya a jese lefatshe ka bophara.
O ne a tlhalosa gore tswakatswakanyo ya dikgwebo ke yone fela e ka dirang gore dikgwebo di dire sentle go fema kgaisano mo gare ga tsone, mme ba kgona go tlhabolola metse le kgaolo ya bone.
Fa a buisa banni ka tsa koporasi ya bone, mogolwane yo o itebagantseng le tsa theko ya leruo, Rre Kenneth Makubate, o ne a tlhalosa gore tiro ya bone ke go reka dikgomo mo baruing le go ba duela.
Rre Makubate o ne a tlhalosa gore ba tsere tshwetso ya gore barui ba simolola go nna malatsi a le lesome le bone gore ba bo ba setse ba bone dituelo tsa bone, a tlatsa ka gore go ne go setse go na le dipego tsa gore barui ba ngongoregela go tla nako e setse e ile ga dituelo.
O ne a gape a tlhalosa gore e le ba BMC ba simolotse lenaneo le ka lone ba kgonang go latela dikgomo kwa baruing ka lone mme go batla ba ikopantse ba bo ba di kgobokanyetsa golo go le gongwe.
A re ba tsaya dikgomo di ka nna masome a matlhano le go feta tse ditona, a tlatsa ka gore sa bone ke go batla mongwe mong wa tereka yo o mo tikologong ya bone mme a duelwa ke BMC a bo a isa dikgomo tseo kwa matlhabelong.
Rre Makubate a re o ne a tlhalosetsa barui gape gore ditlhwatlhwa tsa BMC di okeditswe mme ka jalo ba seka ba ipona tsapa go ka rekisa dikgomo kwa go bone.
O ne a ba gakolola gape gore polase ya Dibete e e gaufi le bone jaanong e simolotse go boela mo tirisong mme ba e dirise ka e bile e na le teseletso ya EU.
Le fa go ntse jalo o ne a ba kgothatsa gape go kwadisa dipolase tsa bone ka golo mo gape go dira gore ba kgone go bona dituelo tse di bonalang fa dikgomo tsa bone di rekwa.
O ne a ba kgothatsa gape le gore matlhabelo a a kwa Francistown ga a ise a tlhabe dikgomo tse a di direletsweng ka barui ba sa rekise dikgomo kwa go bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Apr 2016






