Breaking News

Badirela puso ke mmammane

14 Apr 2016

Go mo maruding a Motswana mongwe le mongwe go netefatsa gore lenaneo la Economic Stimulus Programme (ESP) le le itebagantseng le go rudisa itsholelo le ntsha maduo a a solofetsweng.

Mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi a re ka ngwaga wa 2008, mafatshe a ne a bona go se go ntle ka go ne ga nna le kwelo tlase ya itsholelo.

Rre Morupisi o ne a buisa badirelapuso ba kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa Masunga ka Labobedi.  A re kwelo tlase ya itsholelo e ne ya tlama mafatshe a mangwe go fokotsa badiredi, mme mo boemong jwa seo, Botswana ene o ne  seegela ditiro dingwe tsa ditlhabololo kwa tlhoko.

Rre Morupisi a re ke ka moo puso e duleng ka mogopolo wa lenaneo la ESP go leka go tsosolosa itsholelo ya lefatshe leno le batho ba lone.   

Ka jalo badirelapuso ba tshwanetse go itse fa e le bone bo tshoso e rweleng mo go kgweetseng le go lomaganya ditiro tsa lenaneo le.

A re le tshwanetse la tsamaisiwa ke dikgwebo tsa beng gae tse di ikemetseng ka nosi, ka jalo a gwetlha badirelapuso go netefatsa gore ba fa dikgwebo tsa beng gae ditiro, gammogo le gone go reka dithoto tsa mono gae.

Rre Morupisi o ne a ba gakolola go reka dithoto bogolo jang tse di mo tikologong ya bone, a re ba ka reka fela kwa ntle ga kgaolo fa dithoto tse ba di batlang di seo mo kgaolong ya bone.

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa lekalana la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Mme Rose Seretse ene o ne a re e re ka jaana maikaelelo a ESP e le go tsosolosa itsholelo ya lefatshe leno, badirelapuso ba seka ba nna le mokgwa wa go e bolaya ka go inaakanya le go amega ka gope mo ditiragalong tsa tshenyetso setshaba.

A re badirelapuso ba tshwanelwa ke go itisa le go ikela tlhoko mo ditiragalong tse di ka amanngwang le tshenyetso setshaba jaaka go reka dithoto ka ditlhwatlhwa tse di tsitsibanyang mmele gammogo le go abela dikhamphani di le dingwe ditiro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Puisano

Date : 14 Apr 2016