Tlhokomelo ya bana e a reketla
13 Apr 2016
Batsadi ba kopiwa go rotloetsa bana mo thutong le go emisa go ba tlogela ba le nosi mo lwapeng. Mafoko a, a builwe ke morutabana kwa sekoleng sa Mahutagane mo boemong jwa barutabana botlhe ba dikole tse di mo Shoshong, Rre George Mbeha mo phuthegong ya go bua ka kwelo tlase ya maduo mo dikoleng ka Mosupologo.
Rre Mbeha a re ba lemogile gore maduo a bana a ile tlase fela thata mme se se dirwa ke gore bana ka bontsi ba nna ba le nosi mo malwapeng batsadi ba le kwa masimong le kwa merakeng.
A re selo se, se dira gore botlhokatsebe le go tshaba sekole ga baithuti go ye magolotsa mme ka jalo go felele go ama maduo a bone kwa sekoleng. O tlhalositse gore bana ka bontsi ga ba tsene dikole sentle ka ntata ya nnotagi le go tlhoka tlhokomelo e e lolameng kwa malwapeng.
A re go apewa ga majalwa mangwe mo malwapeng go dira gore bana ba felele ba a nwa majalwa a. Rre Mbeha, yo o neng a itebagantse le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone kwa dikoleng ka go farologana, a re le fa ba bitsa diphuthego kwa dikoleng, batsadi ga ba tle.
O kaile fa gape dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le barutabana ba dikole tsa Shoshong e le tlhaelo ya matlo a boroko gammogo le tlhaelo ya matlo a borutelo kwa dikoleng.
A re selo se, ga se itumedise barutabana fela ka ba sa nne sentle mme ka jalo ba ka se ntshe maduo a a nametsang mo tirong ya bone, a tlatsa ka gore go tsenelela kwa ntle ga bana bangwe le gone go ama maduo a bone fela thata ka ba sa kgone go ithuta sentle.
O ne a a re letlhoko le la matlo a borutelo gape le baka gore bana bangwe ba tsenele mo matlong a boranyane mme ba felele ba sentse didirisiwa tse di nnang mo teng, mme se gape se bake le yone tlhaelo ya didirisiwa tse ba ka rutiwang ka tsone.
Rre Mbeha o tlhalositse gape gore kgwetlho e nngwe e tona mo baneng ba dikole tsa Shoshong ba lemogile fa e le go tlhoka go itse go bala le go kwala mme se se felele se isitse maduo a bone kwa tlase le ntswa bone e le barutabana ba dira ka gotlhe go ruta bana ba.
Le fa go ntse jalo, mongwe wa batsadi Rre Mogotsi Mogotsi o ne a re go tlhoka tsebe ga baithuti go dirwa ke batsadi ba ba rekelang bana megala ya letheka mme ba ye dikoleng ka tsone.
Rre Mogotsi a re bana ga ba kake ba ithuta fa ba rekelwa dilo fela tse di turang mme e bile di ba tlhokisa go tsaya dithuto tsia, a tlatsa gore nnotagi le yone e na le seabe se segolo mo maduong a bana.
A re bana ka bontsi ba tsamaya masigo, ga ba na maitseo mme se se rotloediwa ke batsadi ba ba senang sepe le bana ba bone ka ba a ba leseletsa.
E rile a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo, Rre Dikgang Makgalemele o ne a leboga barutabana ba dikole tsa Shoshong, go bo ba eme ka dinao go buisana le batsadi go bona gore bana ba busediwa mo tseleng.
Rre Makgalemele a re fa batsadi ba kopane le barutabana seemo se se ka tokafala fela thata, a tlatsa ka gore go tsaya megopolo mo botsading ke selo fela se se botlhokwa ka bana e le ba bone botlhe.
Le fa go ntse jalo, Rre Makgalemele o ne a tlhalosetsa phuthego eo gore puso le yone e eme ka dinao go bona gore e tokafatsa seemo sa letlhoko la matlwana a borutelo le matlo a barutabana ka lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP.
O ne a a tlhalosa gore tsosoloso itsholelo e, e tsile go tlhabolola dikago kwa dikoleng mme ba solofele gore seemo se tlaa fetoga. Rre Makgalemele o ne a tlhalosetsa batsadi gape gore go na le lenaneo le gape puso e tsereng tshwetso ya gore batsadi mo metseng ba age matlo a ka one ba ka hirisetsang badirelapuso go leka go fema letlhoko la matlo a bone, mme ka jalo a ba kopa go dirisa mananeo otlhe a puso e lekang go a dira.
O ne a bolela gape gore puso e tsere tshwetso ya go tsosolosa mekgatlho kwa dikoleng e tshwana le ya masupatsela go leka go rotloetsa boitshwaro jwa bana mme ka gongwe le maduo a ka tokafala.
Rre Makgalemele o ne a kgothatsa batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsena mekgatlho ka e ka tokafatsa thuto ya bone. Mopalamente o ne a bua gape le ka kgolagano fa gare ga dikole tsa diatla le dikole tse dikgolwane, a re bana ba tshwanetse go rotloediwa go dira dithuto tsa diatla gore ba seka ba ineela fa ba palelwa ke dithuto tse dingwe.
O ne akgothatsa thata gore sekole se se mo Shoshong sa ditiro tsa diatla se diretswe bone mme ka jalo ba se dirise le bana ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego
Date : 13 Apr 2016






