Kotsi e gapile matshelo a ba le babedi
13 Apr 2016
Mapodisi a Kang a tlhotlhomisa kotsi ya koloi e mo go yone go tlhokafetseng batho ba le babedi. Go ya ka Assistant Superintendent Kabelano Tebogo, kotsi e e diragetse Moranang a tlhola malatsi a le lesome le motso metsotso e le masome mararo morago ga nako ya borobabedi maphakela.
A re kotsi e e diragetse dikhilomithara di ka nna lesome le borataro go ya go tse di masome a mabedi go tswa mo Kang go ya Hukuntsi.O tlhalositse fa batho ba ba amegileng mo kotsing eo, ba le barataro go akarediwa le mokgweetsi.
Assistant Superintendent Tebogo o tlhalositse fa borataro joo bo ne jwa ragosediwa kwa kokelwaneng ya Kang kwa bomme ba le babedi ba neng ba tlhokafalela teng.
Le fa go ntse jalo, Assistant Superintendent Tebogo a re ba sa ntse ba le mo ditlhotlhomisong ka se se ka tswang se bakile kotsi eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tswelelo Moapare
Location : HUKUNTSI
Event : Pego ya mapodise
Date : 13 Apr 2016






