Breaking News

Kgalagadi o akotse pula

13 Apr 2016

Moeteledipele wa lephata la tepo loapi, Rre Kabelo Rakanyane, a re ba gatisitse pula e e nametsang  ya selekanyo sa 124.4mm mo malatsing a le mararo  mo kgweding ya Moranang  e le la ntlha kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

Rre Rakanyane o supile fa pula e e neleng monongwaga e le botoka fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o fetileng mo kgweding eno ya Moranang mo pula e sa nang gotlhelele.

Mo potsolosong bosheng, Rre Rakanyane o tlhalositse fa go simologa ka Labobedi go fitlha Labotlhano mo bekeng e e fetileng,  pula e ba e gatisitseng  e e kwa godimo e ne e le ya selakanyo sa 74 mm  mo letsatsing la ntlha  kwa Lobu Training Centre gaufi le  Middlepits.

A re pula e e neleng  mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa  e ne e na ka dikgadima le sefako  e bile e na ka bokete  ka nako e khutshwane  a supa fa mo oureng  e ne e na ka selanyo sa 40mm.

Moanamisa mafoko mo lephateng la temo-thuo, Rre Peter Manguba, o tlhalositse fa seo se tlaa tiisa barui moko ka leruo la bone le tlaa kgona go bona phulo ka bojang le dimela tse dingwe tse di jewang ke leruo  di tlaa kgona go tlhoga.

Rre Manguba a re selekanyo se pula e neleng ka sone se baya barui mo tsholofelong ya gore leruo le tlaa nna le botshelo  ka le tlaa kgona go nwa metsi mo megobeng le mo matsheng  mo nageng mme seo  se imolole barui  letlhoko la metsi.

O kaile fa ngwaga ono barui bangwe ba feletse ba iphotlhere ka lebaka la leuba le le neng le shenne meno le le feletseng le ganyaola loruo lwa bone. Rre Manguba a re ka lebaka la go tlhoka pula mo kgaolong ya Kgalagadi, balemi bangwe  ba feletse ba felelwa ke tshepho gotlhelele mo ba feletseng ba itlhobogile  ka go baya ditema kwa masimong a bone.

Rre Manguba o supile fa go sena le fa e le ditema dipe tse ba di gatisitseng gotlhelele mo kgaolong ya Kgalagadi, a re bangwe ba ne ba iteka ka go baya ditema mme erile fela ka bonako di bo di bolawa ke letsatsi ka pula e ne e seo.

Mongwe wa balemi-barui mo Tsabong, Rre Joseph Bareki o ne supa fa ba leboga Modimo thata ka pula e e neleng bosheng  mo kgaolong ya bone a re le ntswa loruo lwa bone lo sule ka bontsi ka ntlha ya go tlhoka phulo, tsholofelo ke gore lo tlaa boa gape lo tota ka naga e tlaa kgaba mme seo se thuse thata mo loruong lwa bone.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 13 Apr 2016