Breaking News

Tlhokomelo ya bagodi e batla matsetseleko

13 Apr 2016

Maloko a mokgatlho wa bagodi wa Unique Association of Botswana a gakolotswe fa thulaganyo ya tlhokomelo ya bagodi e le e e faphegileng e bile e tlhoka boikarabelo jo bo kwa godimo.

E rile a rola semmuso mokgatlho kwa Gakuto bosheng, molomaganya ditiro tsa lekgotla la HIV/AIDS mo kgaolong ya Kweneng, Mme Theresa Makati, a gakolola fa tiro ya tlhokomelo ya bagodi e le e e tlhokang maitlamo a nnete go sa iphitlhwe ka yone go na le se tota batho ba se gabileng.

Mme Makati o gateletse botlhokwa jwa tsamaiso e e lolameng mo go tlhomamiseng gore mokgatlho o fitlhelela ditoro tsa one. A re go lemosegile gore go le gantsi makgotla a go nna jaana a fapoga seporo ka go ikgatholola ditsamaiso ba diragatsa maikutlo.

O kgadile thata bana le masika a a ikgatholosang tlhokomelo ya batsadi go emisa mokgwa oo, ba itse fa boikarabelo jwa tlhokomelo ya batsadi bo le mo maruding a bone e seng mo pusong jaaka ba akanya  

Unique Assosiation of Botswana ke mokgatho o o sa tswanag go bopiwa kwa Gakuto ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Mme Maggie Mathumo ka maikaelelo a go fa bagodi lerato, seriti le  tlhokomelo.     

O ne a gakolola fa tlhokomelo ya bagodi e tlhoka boikarabelo jo bo tseneletseng ka jalo a rotloetsa thutuntsho e e tseneletseng ya maloko gore ba tlhaloganye tse di tlhokegang mo tlhokomelong ya bagodi.

Mo mafokong a thotloetso, moeteledipele wa lekgotla la Beno Society for Disabled and the Elderly, Mme Leepile o gakolotse fa thulaganyo ya tlhokomelo ya bagodi e tlhoka boikarabelo le boitseanape jwa go ka sala morago tsamaiso ya tlhokomelo ya setlhopha sa bagodi.

O rotloeditse boloko jo bo mo tsamaisong ya mokgatlho go itse fa ba itlamile mo thulaganyong e e tlhokang bobelotelele le boikarabelo jwa go dira gore mogodi a nne le tshepho go ka tshela a gololesegile.

A re thuto ke yone konokono mo go netefatseng gore ba dira tiro ya bone ka matsetseleko mme a solofetsa fa a tlaa leka go ema nokeng thulaganyo ya mokgatlho oo go o thusa go fitlhelela tse o eletsang go di fitlhelela.  

Mme Mathumo a re maikaelelo  a mokgatlho o, o o nang le maloko a le lesome ke go netefatsa botsogo le go busetsa seriti sa bagodi ba kgaolo eo ba bangwe ba bone ba tlhaelang tlhokomelo mo go ba malwapa le masika.

Kgosi Abdul Letlamma wa Gakuto o amogetse le go iteela legofi maitlamo a ba Unique Asaaociation of Botswana  go bo e le nngwe ya dithulaganyo tse di botlhokwa mo tlhabololong ya botshelo jwa mogodi, le go supa fa keletso ya gagwe e le go bona mokgatlho o na le lafatshe le o ka tsamaisetsang ditiro tsa bagodi mo go lone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : GAKUTLO

Event : Pulo semmuso ya mokgatlho

Date : 13 Apr 2016