Banni ba lela ka tlhaelo ya dingaka
12 Apr 2016
Banni ba Hukuntsi kwa kgaolong ya Kgalagadi ba ngongorega ka tlhaelo ya dingaka kwa dikokelwaneng.
E rile ba bua mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi banni ba Hukuntsi ba bolela fa tlhaelo ya dingaka e baka kanamo ya malwetse.
Mongwe wa ba ba neng ba le mo phuthegong, Mme Goweditswe Bapege, o boletse gore tlhaelo ya dingaka e baka kgolo ya palo ya dintsho ka gore go tlaa bo go bidiwa sefofane go tswa Gaborone go tla go tsaya balwetse go ba isa Princess Marina, mo go tlaa bong gape go tsaya nako e telele.
O tlhalositse fa go tlhaela ga dingaka go baka mela e meleele mme go dire gore balwetse bangwe ba felele ba boetse malwapeng ba sa bona thuso e ba neng ba e tlhoka bangwe ba bo ba feleletse ba sa kgone go boela kokelong go ya go kopa thuso.
E rile a ba kgwa kgaba, mooki wa kokelwana ya Hukuntsi, Rre William Nkwane, a tlhalosa fa bontsi jwa dingaka di ne tsa fudugela kwa mafelong a mangwe go ya go batla mafulo a matalana, mme lephata le sa ntse le leka go okela ba basha mo kgaolong.
O tsibositse banni fa lephata la botsogo le tshwentswe thata ke go nwa bojalo phetelela ga banni ba Hukukutsi.
A re go nwa bojalwa mo go feteletseng go dira gore batho ba itlhokomolose ditaelo tsa ba bongaka.
Rre Nkwane o kopile banni ba Hukuntsi go nna le tirisano mmogo e e siameng le ba bongaka e bile gape o ba rotloeditse go nna le seabe mo botsogong jwa bone ka go itlhatlhobela malwetse gangwe le gape. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tswelelo Moapare
Location : HUKUNTSI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Apr 2016






