Bomathinthinyane ba dira boithatelo
13 Apr 2016
E re ka monongwaga go tlhalositswe fa e le o motonanyana ka ntlha ya dipula tse di boutsana le letsatsi le le neng le tserema jaaka senyetse, bontsi jwa balemi ba ne ba kgobega marapo go baya ditema.
Le fa go ntse jalo, Rre Bagani Makwati, molemi mo kgaolong ya Botlhapatlou, ga a ka a ipona tsapa ka gotwe boleme ga bo nke bo tlhobogwa. O beile ditema di le nne a kabakantse dijwalo ka go farologana.
Sebe sa phiri ke gore, fa Rre Makwati a tshwanetse go ja mofufutso wa phatla ya gagwe, go gorogile baeng ba ba maoto mane ba jaanong e leng bone ba robang fa ba sa jwalang teng.
Dikolobe tsa naga (mathinthinyane) di dira boithatelo mo tshimong ya gagwe.
Phologolo e, e ka nna borai mo matshelong a batho ka e kgona go lwantsha motho e bo e bake dikgobalo kgotsa le lone leso tota. Rre Makwati a re o beile ditema tsa ntlha ka kgwedi ya Sedimonthole e le fa gare mme dijwalo tseo tsa babalelwa thata ke letsatsi.
A re dipula tse di neleng morago tsa kgwedi e e fetileng di ne tsa dira gore dijwalo tsa ditema tsa morago di thanye. A re erile fela dijwalo di sena go thanya, ke fa diphologolo tse di simolola go mo tshwenya mo tshimong.
Molemi yo, o bolela fa bomathinthinyane ba a ja mmidi le magapu thata ka magapu a le motlhofo go phunyega go na le dithotse tse dingwe jaaka marotse le maphutshe tse le tsone a di lemileng.
A re diphologolo tse di phunya matlhaku di bo di tlhagela mo tshimong, fa go nang le terata teng, ba epa terata ko tlase ba bo ba tsena. O tsweletse ka go tlhalosa gore, bomathinthinyane ba go utlwala fa ba nna ko kgaolong e e bidiwang Marobamabedi.
A re gone koo, go na le matshwago mo mantsweng mme ke gone kwa ba nnang teng a tlatsa ka gore go utlwala gape gore fa ba tswa koo ba feta ba nna gape kwa Moshawaneng. A re ba bolola koo bosigo mme ba fete ba tsene mo tshimong ya gagwe. Diphologolo di kaiwa di le botlhale thata ka di tla bosigo gare kgotsa ka makaku a naka tsa kgomo mme ga di kake tsa tswelwa ke letsatsi mo tshimong.
Rre Makwati a re go belaesega fa leuba e le lone le dirang gore diphologolo tse di senke dijo mo masimong. Se se botlhoko ke gore Rre Makwati a re ke lantlha a tshwenngwa ke diphologolo tse e bile di senyetsa ene fela mo kgaolong ya bone.
A re borai jwa tsone ke gore fa di tla, di tla di le segopa mme e bile fa di tlhaselwa ke dintsa di lwa e e matlho mahibidu. Methale e Rre Makwati a lekileng go e dirisa go tshosetsa bomathinthinyane yotlhe e iteile sefololetse.
A re o lekile go gotsa melelo mo tshimong le go ba lalela ka tlhobolo le balemi ba bangwe mme ba itswela fela ka ba tsena fela go ntse go gotsitswe molelo. Rre Makwati yo jaanong a tletseng boitlhobogo a re fa a ne a ka kgona go koba diphologolo tse gongwe o ne a ka kgona go bona dikgetsi tse thataro go ya go tse supa tsa mmidi o o setseng.
A re magapu o ne o kgonne go rekisa merwalo e mebedi fela. E re le fa ntswa a dirile maiteko a go ikuela ko go ba lephata la diphologolo, ga go nko epe e e tlaa tswang lemina ka ba tlhalositse fa puso e ka seke e mo duele ditshenyegelo tse di bakilweng ke diphologolo tseo fa e se fela fa a ka di hula ka tlhobolo fa di setse di le mo tshimong.
Ba lephata leo ba tlhalositse gape gore dikatso di nna teng fela fa go sentse diphologolo tse ditona jaaka ditau, ditlou le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : BOTLHAPATLOU
Event : Potsolotso
Date : 13 Apr 2016






