Seromamowa se ipela le Bakgatla
11 Apr 2016
Badiri ba seromamowa sa Botswana le banni ba Mmathubudukwane le Mochudi kwa kgaolong ya Kgatleng ba ne ba ipelela dingwaga di le masome a matlhano seromamowa seo se ntse se le teng.
Fa a bua kwa metseng eo, mogolwane go tswa kwa seromamoweng, Rre Bofelo Rakgasa o ne a tlhalosa fa ba bone go tshwanela gore ba tsamaye le lefatshe ka bophara go isa seromomaowa kwa setshabeng.
A re ba bone gore le bone ba ipele jaaka lefatshe leno le tla a bo le ipelela dingwaga di le masome matlhano le ipusa a tlatsa ka gore ba simolotse kwa Lobatse kwa seromamowa se simolotseng teng. A re mosepele wa go isa seromamowa kwa Batswaneng o tla wela kgwedi ya Lwetse ngwaga ono.
Rre Rakgasa o tlhalositse fa seromamowa e le sa setshaba ebile go le botlhokwa thata gore Batswana ba itse badiri ba sone go na le gore ba ba utlwe mo seromamoweng fela.
Mogolwane wa seromamowa o ne gape a rotloetsa bana ba dikole ba ba neng ba tsile ka dipalo tse di kwa godimo go dira ka natla mo dithutong tsa bone a tlatsa ka gore botshelo jwa malatsing ano gore motho a bo kgone ke go bo a tsene sekole.
E ne ya re a tswa la gagwe, kgosi ya Mmathubudukwane, Kgosi Michael Balebetse o ne a supa fa ba le motlotlo thata go bo seromamowa se ne se gasa ka tlhamalalo go tswa kwa motseng wa bone.
O ne a leboga badiri ba sone thata a supa fa ba ne ba sa ba itse mme ba itse mantswe a bone. Kwa Mochudi, Kgosi Modise Pilane o ne a tlhalosa fa a itumelela gore badiri ba seromamowa seo nako tsotlhe fa ba le mo tirong ya bone ba letsa dipina tsa bana ba Botswana mme o ne a ba rotloetsa go tshwara fela jalo.
A re go dira jalo ba supa gore mmino wa mo gae o seka wa latlhega a tlatsa ka gore le bone badiragatsi ba one ba tla nna le tshepo mo go sone seromamowa. E ntse e le kwa letsatsing leo, modulasetilo wa ba-na-le-bogole Rre Shadrick Ndlovu yo le ene a neng a itumeletse loeto la badiri ba seromamowa, o ne a tlhalosa fa ba na le komiti ya bao baba tshelenag ka bogole mo Mochudi.
A re maikaelelo a komiti eo ke go rotloetsa botlhe ba ba tshelang ka bogole gore ba seka ba itlhoboga mme ba batle maele a go itshetsa mo matshelong a bone. Kgosi Segale Linchwe ene o ne a bua ka ditso tsa Bakgatla a supa fa Bakgatla e le batho ba ba ratang ngwao ya bone mme ebile ba e tlotla fela thata.
Badiri ba seromamowa ba ne wetsa loeto la bone mo kgaolong ya Kgatleng ka go itisa le Bakgatla bosigo jotlhe ka matlhatso kwa lebaleng la Rovers. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Tirelo ya go ipela
Date : 11 Apr 2016






