Breaking News

Emisang go latlha dipilisi - Diau

11 Apr 2016

Kgosana Motswaodi Diau wa Makwate mo kgaolong-potlana ya Mahalapye o kgothaditse banni ba motse wa gagwe go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo. O ba rotloeditse go nwa dipilisi sentle jaaka ba laetswe ke ba bongaka.

Kgosi Diau o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke ba botsogo bosheng. O ne a ngongorega ka batho ba ba tsweletseng ka go latlha dipilisi, a tlatsa ka gore puso e dirisa madi a mantsi go reka melemo ya malwetse.

A re boeteledipele jwa metse bo tshwanetse go ema puso nokeng go ka gakolola setshaba ka malwetse. A re puso e rata batho ba yone fela thata ke ka moo e neng ya ema ka dinao go batlela setshaba dipilisi tse di ritibatsang mogare ga mmogo le malwetse a mangwe.

Kgosi Diau a re go tsaya kgato moo go ne ga fokotsa dipalo tsa batho ba ba neng ba tlhokafala ka ntlha ya bolwetse jo. A re go maswabi gore bangwe mo nakong ya gampieno ba bo sa ntse ba tlhokafala ka ntlha ya go itirela botsotsi jwa go tlhoka go tsaya kalafi sentle.

O ba kopile go emisa nnotagi gore dipilisi di tle di bereke sentle ka fa go tshwanetseng  ka teng go lwantsha bolwetse mo mmeleng,a tlatsa ka gore bojalwa le dipilisi ga di a tshwanela go pataganngwa ka seo se le borai.

E re go le jalo, a re lefatshe la Botswana le dirisa madi a mantsi go lwantsha malwetse a pelo le a go tlhoka go ja sentle ka jalo a kopa banni go ja dijo tse di siametseng mebele ya bone ka dinako tsotlhe.

Fa a tswa la gagwe, mogolowane wa kokelo ya Makwate, Rre Gaedupe Sebolokelo fela jaaka Kgosi Diau a re o tshwenngwa ke batho bangwe ba ba sa tseyeng kalafi sentle. O ne a kgala ba ba latlhang dipilisi a supa fa go dira jalo e le molato o mo tona,a tlatsa ka gore gape ke go senya madi a puso a a neng a ka dirisiwa go tlhabolola lefatshe.

Go sa ntse go le jalo,o boletse fa malwetse a dikobo a tshwenya thata mo motseng oo mme a kopa banni go ikelatlhoko. O ne a kgothatsa banni go etela kokelo ya bone go tsaya dikhondomo gore ba itshireletse mo malwetseng ka go farologana.

O ba kopile go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS nako e sa ntse e le teng,a tlatsa ka gore malatsi ano puso e tsisitse ditlamelo kwa bathong ga go tlhoke gore motho a tseye loeto go ya Mahalapye go dira ditlhatlhobo,a supa fa sengwe le sengwe se dirwa mo dikokelong.

A re o kopa banana botlhe ba ba iseng ba amiwe ke malwetse a dikobo go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang kana go ikgapha gotlhelele kana ba nne le mokapelo a le mongwe.

O tsweletse a gakolola banana go etela makalana a botsogo a tshwana le la Tebelopele Testing Centre le dikokelwana tse di gaufi le bone go tsaya bogakolodi jo bo nonofileng mabapi le botsogo mo baitseanapeng.

Rre Sebolokelo a re o rotloetsa banni ba Makwate go tsibogela dikai tse ba sa di tlwaelang mo mebeleng ya bone ka go dira jalo go ka thusa go lemoga bolwetse bo sa le bosha mme motho a tseye kgato e e tshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : MAKWATE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Apr 2016