Banni ba kopa go fetolwa ga melao ya tsa phiro le pereko
11 Apr 2016
Banni ba kgotla ya Tsopeng ba kopile mmatoropo le makhanselara a gagwe go dira tshutiso ya gore melao ya pereko e fetolwe ka jaana ya gompieno e baya babereki ka fa mosing.
Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mmatoropo, Mme Malebogo Kruger kwa kgotleng ya Woodhall ka Laboraro.
Ba supile fa ba lebogela tshologelo ya babeeletsi go tswa kwa mafatsheng a sele ka jaana ba thusa go bula diphatlha tsa mebereko mme sebe sa phiri e le gore dituelo tsa bone di kwa tlase fela thata go ka tlhabolola matshelo a bone.
Ba ne ba ngongoregela dikompone dingwe tse di sa saleng melao ya phiro le pereko morago sentle ba supa fa bangwe ba thapa batswakwa ba ba senang diteseletso tsa go direla mo lefatsheng leno.
Ba tswelela ba supa fa baeteledipele bangwe ba na le mokgwa wa go solofetsa batho diphatlha tsa mebereko fa ba ka tlhakanela dikobo le bone.
Ba ne gape ba lela ka dinako tsa pereko tse ba supileng di le ditelele ntswa dikatso di le kwa tlase mme e bile le diaparo tsa itshireletso ba sa di neelwe ntswa ba direla mo mafelong a a tlhokanang le kapari e e faphegileng.
Ba ne ba tlatsa ka gore ba bona dituelo morago ga nako e telele mme se se ba tlhokise kutlwisisano le beng ba matlo a phiriso le gone go nna lobaka ba sa obe lebogo.
Banni ba ne ba tswelela ba supa fa se, se baya baithuti ka fa mosing ka jaana bana ba ya dikoleng ba sa tsenya sepe mo maleng gape le yone kapari e se mo seemong se se itumedisang mme se se feletse se kgoreletsa go ithuta sentle ga baithuti ka jalo go feletsa go nna le kwelo tlase ya maduo mo dikoleng.
Ba ne ba gwetlha baeteledipele ba toropo go etela dikompone ka go farologana mo toropong go sekaseka gore a melao ya phiro le pereko di salwa morago fa go sa nna jalo ba tseelwe dikgato tse di maleba go itsa go tlhorontsha babereki mo isagong.
Fa a ba kwa dikgaba, Mme Kruger o ne a ba tlhalosetsa fa boeteledipele jwa khansele ya toropo ya Lobatse bo itlamile go tsenya leitlho le le tseneletseng thata go netefatsa gore melao ya phiro le pereko e salwa morago mme ka maswabi ga ba na thata ya go ba tseela dikgato fa ba ka fitlhela dilo dingwe di sokame.
O supile fa bone e le khansele ba bofeletswe matsogo ka fa morago ka jaana go na le ofisi e e maleba ya tsa pereko e e itebagantseng le gone go tseela dikompone dingwe dikgato fa go na le dilo dingwe tse ba sa di obameleng.
O ne a supa fa ba tlaa tsibogela kgang ya gore babereki mo dikomponeng ga ba abelwe kapari ya itshireletso ka jaana eo yone ba na le tetla ya go ka tsereganya kgang ya teng.
Mo go tse dingwe o ne a rotloetsa bomme go dirisa mananeo a puso e a intshitseng go tlhabolola matshelo a bone go ba ntsha mo manokonokong a lehuma go tshela matshelo a a eletsegang.
Mananeo a tshwana le la Gender Affairs le le itebagantseng le go thusa bomme go ka itshimololela dikgwebo gammogo le la SHHA go ka ikagela bonno jo bo eletsegang.
O ne a tlhalosa gore fa ba ka tlhwaafalela dikgwebo tsa bone ba ka kgona go tlhama diphatlha tsa mebereko mme se se ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro mo kgaolong ka ponyo ya leitlho.
Mme Kruger o supile gape gore e le mmatoropo le makhanselara a gagwe, ba itlamile go direla setshaba sa toropo ya bone ka botswapelo ka jalo ba itshegetse dielo go bona gore ba isa ditirelo kwa setshabeng le gone go itseela ka tsebe matshwenyego le dikeletso tsa bone go bona gore ba ka atolosa ditirelo tsa bone ka tsela e e faphegileng ba setse dikeletso tsa morafe morago.
Fa a fa malebo, mokhanselara wa kgotla ya Tsopeng Bokone, Rre Gofaone Kedise o ne a iteela kobo moroko mafoko a banni gore melao ya tsa phiro le pereko e setse e siilwe ke nako ka jalo e tshwanetse go fetolwa.
O kopile mmatoropo go laletsa mopalamete wa kgaolo gore ba tle ba mo neele mofago wa go isa tshutiso eo kwa palamenteng ka jaana bone ba sena thata ya go fetola melao e e tlhomilweng ke palamente.
Rre Kedise o supile fa dituelo tsa babereki ba ba direlang mo dikonterakeng di le kwa tlase fela thata mo batho ba sa kgoneng go ka itepatepanya le seemo sa itsholelo ka jaana ditlhwatlhwa tsa dijo le ditlamelo tse dingwe tsa botshelo di le kwa godimo fela thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Apr 2016






