Monni wa Francistown o tshela ka legong
11 Apr 2016
Rre Raphael Pholo, yo e leng monni wa toropo ya Francistown o itshetsa ka talente ya gagwe ya go betla ditshwantsho.
O boletse mo potsolotsong bosheng fa a betla ka legong, marapo le lentswe mme o betla ditshwantsho tsa diphologolo ka go farologana. O dira gape le dithobane le ditilo tsa dikgole.
Tiro e ya go tshwantsha ka go betla o tswa le yone kwa sekoleng ka a ne a rata go tshwantsha mme a re o e simolotse a sena go fetsa lekwalo la bosupa ka ngwaga wa 1965 ko Tatitown.
O boletse fa bogologolo e santse e le basimane ba ne ba rutwa go betla dikei, megori le dipora kwa Siviya.
Gape o tlhalositse fa a ne a sokola go bona madi a go simolola kgwebo ya gagwe mme o ne a ipha leano la gore a tsamaye a batla babetli a ithuta le go bereka mo go bone.
E ne ya re ka ngwaga wa 1971, a simolola go betla mme ka ngwaga wa 2010, a bona dithuso tsa madi go tswa mo lephateng la banana, metshameko le ngwao.
Rre Pholo a re o ne a reka metshine e a e dirisang mo tirong ya gagwe ya letsatsi le letsatsi le fa madi a ne a sa lekane mme e ne ya re ka 2012, a fiwa P75 000 a bo a reka metshine e e neng e tlhaela.
Ntswa a kgonne go bona mechine, namane e tona jaanong ke gore ga gona fa e ka nnang teng e phuthologile ka lefelo le le le lennye mme mechine e tsere manno otlhe mo ntlwaneng e a betlelang mo go yone mme a tshwanelwa ke go direla ko ntle.
Keletso ya ga Rre Pholo ke go bona lefelo le letona ko a ka phuthulogang teng a dira tiro ya gagwe mme se se mo tshwenya mogopolo ka a akanya go ya kwa gae ka a eletsa go bula sekole go ruta ka tsa ngwao.
“Ke eletsa ke ka fiwa madi go aga madirelo a matona le sekole se ke se batlang ka gape ke tswa kgakala ke ruta banana mo dithuto seka dipuisanong,” ga bua Rre Pholo.
O boletse fa thekiso e le bonya ka a sena lefelo le a ka rekisetsang mo go lone, mme se se itumedisang e bile se tlaa tlhofofatsa kgwebo ya gagwe ke go bo khansele ya Francistown e ba tshephisitse gore e baakanya lefelo le bagwebi ba tlaa rekisetsang dithoto tsa bone mo go lone.
E re ntswa a kopana le mathata mo kgwebong ya gagwe, ga a ke a tlelwa ke boitlhobogo ka a tshwantsha kgwebo ya gagwe le morui wa dikgomo ka fa leuba le tla, morui a seke a itlhoboge mme a re le fa ditshwantsho tsa gagwe di ka tsaya sebaka, di sa rekiwe kwa phelelong di tlaa rekwa.
Kgwebo e e thusitse Rre Pholo fela thata ka a boletse fa e le yone e e mo nyadisitseng a bo a tlhokomela bana ba gagwe ka a ba tsentse dikole.
O tlhalositse fa a dirisana le ba Supa Ngwao Museum ka ba reka ditshwantsho tsa gagwe ba bo ba di rekisa go fitlhela di fela e bo e le gone ba ka reng a tlise tse dingwe.
Fa a wetsa, o ne a re o rotloetsa banana go tla kwa go ene mo Block 2 a ba rute. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keitumetse Letlhogela
Location : Francistown
Event : Potsolotso
Date : 11 Apr 2016






